Kgodiso ya bana e tlhoka boikarabelo
04 Apr 2019
Batlhokomedi ba bana ba dikhutsana ba gakolotswe go tlogela mokgwa wa go lobela bana borraa bone ka seo se ba rontsha tlhokomelo, lorato le go ba itsa go nna le seabe mo go tsa boswa jwa dithoto tsa batsadi ba bone.
Kgakololo e e builwe ke Mme Ophaketse Raakoma go tswa mo lekalaneng la boipelego (S&CD) mo khanseleng ya Kgalagadi mo thuto-pusanyong ya malatsi a mararo e ba neng ba e rulagantse mo Tsabong bosheng.
Fa a bua maikaelelo a thuto-puisanyo e, Mme Raakoma o tlhalositse fa e le go abelana le batlhokomedi tse di diragalang nako ya bana ba sidilwa maikutlo gore ba tlhaloganye lenanelo ka botlalo, go ba thusa go tlhaloganya bana ba ba mo dingwageng tsa go fatlhoga le go tlhaloganya tatlhegelo le di-tla morago tsa yone.
Mme Bonolo Malope, mmaboipelego go tswa mo Tsabong fa a tlhalosa ka lenaneo la Ark And Mark la tshidilo maikutlo o boletse fa le simologile ka 2004 morago ga dintsho tse dintsi tse di neng di diragala mme di felela di tlogela bana ka kutlobotlhoko le bohutsana ka mo gongwe ka ngwao ya Setswana bana ba sa bolelelwe fa batsadi ba bone ba tlhokafetse.
Mme Malope o ne a tlhalosa fa mogopolo oo o ne wa tswa ka bangwe batsadi ba ba neng ba felela ba o rekisetsa puso mme ya o amogela, selo se a reng se ne sa thusa bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi.
O boletse fa tshidilo maikutlo eo e le botlhokwa ka e akaretsa batsadi, bana le ba boiplego go tshwaragana go ba sidila maikutlo le tlhaloganyo mabapi le tatlhegelo ya batsadi ba bone go tshela ba itse se se tlaa diragalang mo botshelong jwa bone go ya pele.
Mme Tiroyaone Gare, mmaboipelego wa Kokotsha o ne a tlhalosetsa batsena thuto-puisanyo ka fa ngwana a golang ka teng go ya ka diphetogo tsa mmele le tlhaloganyo go simologa a tsholwa go ya kwa dingwageng tse di masome a marataro le botlhano le go feta tsa bogodi.
Mme Gare o ne a tlhalosetsa batsadi le batlhokomedi ba bana ba masiela gore go botlhokwa gore ba tlhaloganye le go ithuta diphetogo tsa bana mo mmeleng le mo tlhaloganyong fa ba ntse ba gola gore ba kgone go ba baya leitlho le go ba fa bogakolodi go ya ka go tlhatlologana ga dingwaga tsa bone.
O boletse gore dingwaga tsa lesome le boraro go ya kwa go tse di masome a mabedi le bongwe ke tsone tsa konokono tse ngwana a simololang go itemoga gore ke mang, diphetogo tsa mmele di itshupa le gore jaanong o tlaa bo a simolola go ipatlela ditsala tse mo gongwe di felelang di mo timetsa.
Mme Gare o ne a gakolola batsadi gore mo go tsone dingwaga tseo ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go tsenya bana bao mo tseleng ka go ba rotloetsa, segolo bogolo go tlhoafalela dithuto ka seo se ka thusa go ba betlela bokamoso jo bo siameng le gone go nna batsadi ba tlhwatlhwa ba ba nang le boikarabelo ka moso.
Mogolwane go tswa mo go ba boipelego Rre Patrick Oats o ne a bolelela fa mo malobeng batsadi ba ne ba lobela bana loso fa batsadi ba tlhokafetse, selo se a reng se ne se sa siamela bana ka ba ne ba ipotsa dipotso le go etsaaetsega fa ba ntse ba gola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto Puisanyo
Date : 04 Apr 2019




