Breaking News

Emisang go thapa Batswakwa - mogolwane

04 Apr 2019

Mogolwane wa mapodisi e bile a eteletse pele letsholo la Kgomo Khumo 3 Superintendent Boitshepho Mudongo o kgadile  mokgwa o o dirwang ke barui bangwe wa go thapa batswakwa kwa merakeng.

Superintendent Mudongo a re bontsi jwa ditiro tsa borukhutlhi mo lefatsheng leno di dirwa ke batswakwa mme ba dira jaana ka thuso ya beng gae, a netefatsa fa se se rurifaditswe ke diemo tse ba kopaneng le tsone fa ba ntse ba tsweletse ka letsholo la KgomoKhumo.

O ne a bua jalo mo potsolosong bosheng fa ba ne ba tshwere letsholo la KgomoKhumo kwa metseng ya Tswapong Bokone.

A re mo dibekeng tse pedi fa ba le mo kgaolong ya Tswapong Bokone ba kgonne go tshegetsa batswakwa ba borre ba le bararo mabapi le dikgang tsa bogodu jwa leruo mme ka letsholo le le santse le tsweletse a supa fa ba na le tumelo ya gore dipalo tse di tlaa a oketsega.

Superintendent Mudongo o rurifaditse fa e le ruri letsholo le le tswa maduo, selo se a reng se supilwe ke lesaka la matimela kwa Tamasane le a reng le ne le tletse ka leruo le go belaesegang e le la bogodu.

A re ba kopana le diemo tse mo go tsone ba kgonang go fitlhela leruo le tlhatlagantswe ditshipi mme morago ga ditlhotlhomiso ba lemoge fa di ne di rekisitswe ka bokukuntshwane.

O ne a tlatsa ka go re kwa Tswapong Bokone ba setse ba kgonne go busetsa dikgomo di le lesome le borobabobedi kwa go beng morago ga ditlhotlhomiso mme go santse go na le tse thataro tse le tsone a dumelang fa di tlaa boela beng fa ba fetsa go rurifatsa gore e le ruri ke tsa bone.

Superintendent Mudongo o ne a tswelela ka go bolela fa ba tshegeditse banna ba le masome a supa le boraro le bomme ba le bararo go ba thusa mo ditlhotlhomisong tsa dikgang tsa bogodu jwa leruo.

O ne a tlatsa ka go re ba kgonne go bona dikgomo di le makgolo a mabedi le borobabobedi, ditonki di le masome a mabedi le boraro, dipitsi tse tlharo le dipodi di le tlhano tse ba belaelang fa di ne di tserwe e se ka fa molaong mme tse tshotlhe di santse di le kwa lesakeng la matimela kwa Tamasane.

Superintendent Mudongo o ne a lebogela tirisanyo mmogo e ba e bonang go tswa mo go beng gae bontsi e le barui mme a ba rotloetsa go tswelela ba dirisanya le ba molao go sireletsa leruo la bone le nako e letsholo le le tla bong le seyo mo kgaolong.

Mo go tse dingwe, Superintendent Mudongo o boletse fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse ba kopanang le tsone kwa merakeng mme a supa fa ba tlaa tswelela ba tsamaya le meraka ba rutuntsha batho ka dikgang tsa mothale o.

O ne a tlhalosa fa bontsi jwa dikgang tsa dipetelelo di diragalela bana ba ba rongwang kwa merakeng batsadi ba setse mo gae mme a kopa morafe o o neng o phuthaganetse kwa kgotleng ya Maunatlala go anamisa molaetsa.

O ne gape a gakolola setshaba fa leruo le tshwanetse go rekisiwa le gone go rekwa ka tsamaiso go tsenwe mo kgotleng go ipeela bosupi le gone go dira mekwalo e e tlhomameng.

Fa ba mo kgwa kgaba, morafe o ne wa kopa tshireletso mo go feng bosupi ka ba ne ba re ba boifa gore matshelo a bone a ka tsena mo diphatseng fa ba ka ntsha bangwe ka leso legolo tebang le dikgang tsa bogodu jwa leruo.

Ka go rialo ba itlama go tswelela ba berekisana le ba molao go fedisa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : MAUNATLALA

Event : Potsolotso

Date : 04 Apr 2019