Breaking News

Baithuti ba Moralane ba a lebogwa

04 Apr 2019

Sekole se sebotlana sa Moralane se itlhomile kwa pele ngogola mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa.

Mo nakong eno bogogi jwa sekole bo kgaogelwa ke mpeetshane go baakanyetsa moletlo wa go leboga baithuti ba ba dirileng se se sa tlwaelesegang ka go tsholetsa serodumo sa sekole le motse ba tsapoga go tswa kwa go 54.8 ka 2017 ba pasa ka 91.7 per cent ngogola.

Bogogi jwa sekole bo dumela fa seabe sa batsadi ba tshwaragane le bodiredi jwa sekole e le sone se tiisitseng baithuti moko.

Phenyo e, e ne ya gwetlha BOPA go tlhotlhomisa sephiri se se ba kgontshitseng phenyo e.

Mogokgo Obongwefela Gasiitsiwe o gateletse botlhokwa jwa seabe sa batsadi mo thutong ya bana.

A re batsadi ba dira ka natla go thusa mo thutong ya bana.

Le fa pele ba ne ba goga dinao go lebega seemo seo e le sa maloba ka ba ititeile sehuba go ema bana nokeng.

O supile fa mo malobeng maduo a sekole a ne a sa jese diwelang.Go nna kgakala le ditlamelo ga mmogo le letlhoko la motlakase ga se dilo tse di kgobang barutabana marapo go diragatsa maitlamo a bone.

Mme Gasiitsiwe a re Setswana se se reng, ntsanyana ya maitaa sebata e bonwa mabotobotong se raya dialogane tsa ngogola ka ba sale ba itshupa go fatlhogeng ga bone gore ba tlaa inosa a mogojwana.

Sengwe se mogokgo a dumelang se ile sa ba tiisa moko ke gore ba ne ba tsenngwa dithuto tsa maitseboa gore ba kgone go sirolola sepe se baithuti ba ka tswang ba ne ba ise ba se lemoge.

“Ba ne ba tsena maitseboa go simolola ka nako ya borataro go tsena ka ya borobabobedi.

Batsadi ba ne ba ba eme nokeng ka go ba tsaya fa ba tswa mo dithutong tsa maitseboa,” Mme Gasiitsiwe a tlhalosa.

“Tirisano mmogo le go nna le lorato mo tirong ya rona go dirile gore re kgone go ipona re le kwa mankalenkaleng, re tsere maemo a ntlha,” ga tlhalosa Mme Gasiitsiwe.

A re barutabana ba ba neng ba sa rute lokwalo lwa bosupa le bone ba ne ba dira se ba ka se kgonang go thusa.

O supile gape gore boeteledipele jwa motse jaaka kgosi, mapodisi le boipelego le bone ba dirile go utlwala go thusa go aga bana.

“Re na le botsalano jo bo nonofileng le baithuti.

Baithuti ba rona ba itse gore dipati tsa malwapa a rona di butswe ka nako tsotlhe fa ba tlhoka thuso,” Mme Gasiitsiwe a supa.

Moralane le fa a sena motlakase, Mme Gasiitsiwe a re matlo a barutabana a dirisa marang a letsatsi go tshuba mme baithuti ba gololesegile go etela barutabana mo maitseboeng gore ba kgone go dira tiro ya sekole.

Jaaka moeteledipele wa sekole, Mme Gasiitsiwe a re o dira ka natla go tiisa barutabana moko le go akgola ba ba dirang ka natla.

A re le fa ba faraferwe ke dikgwetlho, barutabana ba dirisa dithoto tsa bone jaaka dikoloi le madi go dira tiro ya sekole ka ba dumela mo go direng tiro ya bone ka natla.”

Le fa ba le mo lefelong le le tlhaelelwang ke ditlamelo e bile go se motlhofo go bona bagwebi ba ba ka thusang, Mme Gasiitsiwe a re Basamarea ba ba molemo ba tsweletse ka go goroga ba tswa khutlong tsotlhe tsa lefatshe go tla go ba imolola mokgweleo wa go tlhaelelwa ke ditlamelo.

Mothusa mogokgo, Rre Kobani Koketso o gateletse botlhokwa jwa seabe sa morafe mo thutong ya bana a re bangwe ba bone ba kgona go ithaopa ba kokoanyetsa sekole madi.

A re mongwe wa barui o ntshitse leruo le le tlaa abelwang baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa temothuo e le tsela ya go ba rotloetsa go inaakanya le temo thuo.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Osupile Mothabankwe ene a re o ituemeletse maduo a a supang se se kgontshitsweng ke tshwaragana ya morafe le barutabana fa mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding kwa Mahalapye, Rre Joshua Gareanna a re tomagano ya ofisi le sekole e dirile gore maduo a kgatlhise

A re ba ne ba tlhatlhoba sekole kgapetsakgapetsa go loga maano gore se atlege.

A re maduo a sekole sa Moralane ke sekao mo go tse dingwe tse di kgakala le ditlamelo gore le tsone di ka itsolopanya di itse fa di ka kgona go dira sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : Puisanyo

Date : 04 Apr 2019