Lephata la thuto le itlama go akaretsa ba-na-le bogole
03 Apr 2019
Lephata la thuto go tswa kwa moding le kopane le makalana a a itebagantseng le ditshwanelo tsa ba-na-le bogole le boloditse letsholo la go ruta setshaba le go ngoka ba-na-le seabe go tshwaraganela thuto ya batho ba ba tshelang ka bogole.
Se se builwe ke mogolwane mo lephateng la thuto Mme Veronica Ramaribana kwa moletlong o maikaelelo a one e neng e le go tsibosa morafe ka ditirelo tsa thuto tse di lebaneng bana ba ba tshelang ka bogole kwa Tobane.
Mme Ramaribana o supile fa letsholo la go tsibosa setshaba le go tsaya megopolo le simolositswe semmuso ke mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding ka 2018 kwa Francistown.
O ne a supa fa ba setse ba tsamaile mafelo a le mmalwa mme maduo a letsholo le a setse a bonala ka ba dira jaana ba kopane le makalana a a farologaneng mme mangwe a one a tswa kwa mafatsheng a sele.
A re ba setse ba kgonne go romela bana ba ba-tlhoka kutlo ba le lesome le botlhano dithutong kwa Afrika Borwa, a supa gore barutabana le bone ba le lesome le boraro ba setse ba rometswe go ya go rutintshiwa ka go ruta bana ba ba tshelang ka bogole.
O ne a supa fa bogole bo farologana bongwe e le jwa tlhaloganyo, jwa mmele le jwa go tlhoka pono le kutlo mme a supa fa se se sa reye gore motho wa go nna jalo ga a na bokgoni.
Mme Ramaribana o supile fa keletso ya bone e le go bona bana ba ba tshelang ka bogole ba akareditswe mo go tsa thuto, mme a kopa batsadi ba bana ba ba tshelang ka bogole go ikopanya le bommaboipelego go ba thusa fa ba sa tlhaloganyeng gone.
E ntse e le kwa moletlong oo, modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Silvester Masweu o ne a re maikaelelo magolo a bokopano ke gore kwa bofelong ba- na-le seabe ba tshwana le makalana a a ikemetseng, baeteledipele ba motse le batsadi ba bo ba ka nna le seabe go bona gore ba-na-le bogole ba tsena dikole.
Rre Masweu o supile fa lephata la thuto le dira go le g ntsi gore ba-na-le bogole ba bone thuto ka e setse e katisitse barutabana ba ba itebagantseng le go ruta ba-na-le bogole ba le lekgolo le masome a ferabobedi le boferabobedi.
O ne gape a supa fa go setse go tlhapilwe ka nakwana dialogane di le masome marataro le bosupa, go fokotsa letlhoko la barutabana ba ba itebagantseng le ba-na-le bogole. Kwa bofelong modulasetilo wa mokgatlho wa Botswana Federation Of the Disabled e bile a direla kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding Rre Wabotlhe Chimidza, o supile fa ditshwanelo tsa ba-na-le bogole di tshwanetse go emelwa ka dinao.
Rre Chimidza o ne a supa gore dikago ka bontsi di santse di baya ba-na-le bogole ka fa mosing ka dingwe tsa tsone ba sa kgone go di dirisa.
Rre Chimidza o supile fa mokgatlho wa Botswana Federation Of disabled o tlhamilwe ke batho ba ba tshelang ka bogole e bile e le bone baeteledipele ba o ne.
O ne a supa fa mokgatlho o na le seabe se se golo ka o tshwaragane le ba lephata la thuto go ba gakolola ka tse di amang ba-na-le bogole le gore ba tsibosa ka tse ba di tlhokang go ba tlhofofaletsa botshelo.
Rre Chimidza o ne a supa fa molao-motheo wa Botswana o sa bue sepe ka ba-na-le bogole mme a supa fa dipuisanyo di santse di tsweletse go o baakanya. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : TOBANE
Event : MOLETLO
Date : 03 Apr 2019




