Breaking News

Baruti bangwe ke bophiri ba ba apereng matlalo a dinku

02 Apr 2019

Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la ‘Organization of African Instituted Churches (OAIC) - Botswana Chapter, Rre Mookami Motlhagodi a re ka fa baruti bangwe ba jang Batswana ntsoma ka teng go a tshwenya.

Fa a bua kwa phuthegong ya mokgatlho oo kwa Ghanzi ka Matlhatso, Rre Motlhagodi a re bontsi jwa baruti ba fetotse dikereke dikgwebo go ja Batswana ntsoma, ntswa ba sa neele mokgethisi le fa e le thebe.

A re dikereke ga di a tshwanela go nna kgwebo mme di tshwanetse tsa nna lefelo le le agang motho kgotsa botshabelo jwa ba ba tshwenyegileng.

Rre Motlhagodi a re baphuthegi le baruti ba tshwanetse ba sala dikgato tsa ga Jeso Keresete morago tsa go direla Modimo ka paka tsotlhe.

O supilwe fa dikereke di tshwanetse go di goga kwa pele mo go obameleng melao ya lefatshe. “Ga o kake wa rekolola lefatshe o dira tse di sa siamang.”

Mo go lwantsheng letlhoko kgotsa thaelo ya madi go dira ditiro tsa dikereke, o ne a ntsha mogolopolo wa gore dikereke di ka dirisa meopelo go itirela madi.

Fa a afa tekodiso ka dikereke tsa kgaolo ya Ghanzi Mme Selinah Bogale a re ga go na fa dikereke di tsenelang teng ka ntata ya thaelo ya lefatshe. Fa godimo ga moo a re dikereke di ka dira mokgatlho go leka go itirela madi, mme ba dirise bontlha bongwe jwa one go tlhabolola kereke ba bo ba abele ba ba tlhokang bontlha bongwe.

Go le pele mothusa kgosi wa Ghanzi Mme Annah Rankho o tlhalositse fa Batswana ba nyoretswe tumelo ya boaamaruri, ka baya kwa le kwa go utlwala  lefoko la Modimo sentle.

Mme Rankho o ne a gwetlha baruti go ruta dithuto tse di nang le boammaruri, a tlatsa ka go re mo malatsing a segompieno a a tletseng dikgoberego le diphuduego batho ba batla pholo ya semowa.

A re botshelo jwa ngwana wa Modimo ke thapelo, e bile batho ga ba a tshwanela go atlhola ba bangwe ka moatlhodi mogolo a le kwa legodimong.

Lekgotla le la dikereke tsa semowa le ne la abela motlobo wa dibuka le magolegwa dibuka le melora ka tatelano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Phuthego

Date : 02 Apr 2019