Otswakae o busa kwa Mokgware
02 Apr 2019
Batswana ba rotloediwa go sala morago thulaganyo ya Ntlo Ya Dikgosi ereng pele fa go bewa bogosi ba ba amegang ba tswe ka leina go itsa dikgogakgogano. Seo se builwe ke Mothusa Kgosi wa Palapye ebong Kgosi Michael Maforaga fa a tlhoma Kgosi Mercy Otswakae mo Kgotleng ya motse wa Mokgware go nna Kgosi. Kgosi Maforaga o ne a tlhalosa fa a ne a rumilwe ke ba Kgotla kgolo ya ga Mma-Ngwato.
O ne kgothatsa Kgosi Otswakae go nna Kgosi ya motia a tlhalosa fa bogosi e le go direla morafe ga se borena. Kgosi Maforaga o tlhalositse gore go tlhomiwa motho yoo nang le bokgoni a nonofile mo tlhaloganyong ibile a nale temogo gape a nonofetse go ka dirwa tlhogo ya setshaba. Kgosi Maforaga o ne a tswelela a bolela gore ka setso bogosi bo a tsalelwa ke ka moo bo sa elweng ditlhophong.
O tsweletse gakolola mme Otswakae gore kgosi ke thothobolo, a amogele sengwe le sengwe tse dintle le tse di maswe tse ditlang mo go ene ebile ke ene matlho a puso mo setshabeng. O mo rotloeditse gore dikgang tsa morafe di buelwa mo Kgotleng eseng mo malwapeng a tswelela a mo tlhalosetsa gore a fokotse botsala gape e nne motho yo o boikobo mo setshabeng.
O ne a mo lemotsha gore Kgosi o tshwanetse go itlotla, go tlotla Kgotla ka go bua le go apara ka fa go tshwanetse a tlhalosa fa motho wa mme a sa tshwanela go apara borokgwe mo kgotleng. A re go dira jalo morafe le one o tla mo tlotla.
E rile fa a lebaganya mafoko le morafe, o kopile banni ba Mokgware le tikologo go amogela Kgosi ya bone le go bereka le ene ka tlotlo le kagiso. Fa a ntsha la gagwe lefoko, Kgosi wa Mogome Kgosi Balebetse Sesinyi o rotloeditse morafe go bereka sentle le go amogela Kgosi ya bone ka lerato le gore ba dirisane le ene sentle ka mowa o le mongwe fela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Peo ya kgosi
Date : 02 Apr 2019




