Breaking News

Baepi ba motlhaba ba bolotsa ntwa

02 Apr 2019

Baepi ba motlhaba kwa molapong wa Metsimotlhaba o o ralalang masimo a Mogonono  kwa bokone jwa Kumakwane ba boloditse ntwa kgatlhanong le morafe ka go ba tshubela matlo, go ipusolosetsa ka se go tweng ke go kgoreletsegong go epiwa motlhaba.

Go setse go tshubilwe matlo a le mararo ke monna mongwe wa motswakwa mo malwapeng a le mabedi, mo ditiragalong tse di farologanyeng fa e sale Mopitlo a tlhola masome a mabedi le borobabongwe, mo tshokologong.

Monna yoo, yo go kaiwang e le mongwe ba ba mo kgwebong ya go epa le go rekisa motlhaba, o ne a tsena kwa lelwapeng la ga mme Kelemogile Batsietsi a tletse tshakgalo mme a tshuba ntlo e e neng ya asha ya ba ya lora ka dithoto tsotlhe tse di neng di le mo go yone.

Baboni ba tlhalositse fa a ne a bonwa a ikana a jele magala gore o ya go ipusolosetsa ka go tshuba matlo a batho ba kgaolwana eo ka jaana ba kgoreletsa thulaganyo ya go epiwa ga motlhaba.

Tiragalo eo e ne ya tlama go tshwarwa ga phuthego ya tshoganetso ka Labotlhano, ke bogogi jwa kgaolo-potlana ya Mogoditshane/Thamaga ba akaretsa modulasetilo Rre Dukes Mafhoko, molaodi Rre Gobe Macha, le mogolwane wa mapodisi a Thamaga Rre, Moses Kwarare, ba e rileng sehularong sa bone ga tshujwa matlo a mangwe a le mabedi.

Morafe a supile ka monwana mapodisi a Thamaga o re ga ba thuse go lwantsha bothata joo, mme go na le tlhobaelo ya gore ke dija mmogo le batlhasedi bao.

Ga twe baepi ba motlhaba ba tletse dikgoka go kgoreletsa maiteko a morafe go babalela se ba dumelang e le letlotlo la kgaolo ya bone.

Tekodiso ya morafe o eteletswe pele ke modulasetilo wa komiti e e lwantshang borukitlhi kwa kgaolwaneng eo, Rre Moffat Letsholo e ne e sa oshaoshe go supa ka monwana mapodisi gore ba ikgatholositse go tlhoka pabalesego mo morafe o tshelelang mo poifong ya ditlhaselo tsa baepi ba motlhaba.

“Go le gantsi re begela mapodisi ditlhaselo tse di tlogetseng bangwe ba rona ka dipadi tsa digarawe le go kgolwa meno ke go fulwa ka direekane, mme ga go thuso e re e bonang,” ga tlhalosa Rre Letsholo.

E ne e rile go le pele Rre Letsholo a tlhomamisetsa phuthego fa motho yoo a santse a le mo tikologong mme a re o ne a rakana nae fa a tla phuthegong a ipapanne ka reekane e e leng nngwe ya dibetsa tse ba di dirisang go tlhasela ope yoo kgoreletsang kepo ya motlhaba, mme e bile a santse a na le maikaelelo a go ba utlusa botlhoko.

Le fa go ntse jalo Rre Mafhoko a re o swabisitswe ke go ipoeletsa ga ditlhaselo tseo tse a reng di gwetlha mapodisi go loga maano a motia, go hema seru se se fetang se se wetseng morafe mo nakong eno.

Modulasetilo Mafhoko o kopile mapodisi go hema tshololo ya madi mme ba tsibogela matshwenyego a morafe ka go thusa le go latedisa bonnete jwa dikgang tse morafe o lelang ka tsone.

Mongwe wa bafalodi mme Batsietsi, a re o ne a inaya naga fa monna yoo a goroga ka tshakgalo a tshwere selepe a ipoka go tshuba matlo a bone, a re morafe o senya di dirisiwa tsa bone mo molapong.

Go lebega bangwe e le ba ba amogelang pipa-molomo ka jaana re itemogela makunutu a mapodisi le batho bao fa re leka go ikuela,” ga tlhalosa mongwe wa banni Rre Tshephana Gaebine.

Le fa go ntse jalo ramapodisi wa kgaolo ya Thamaga Rre Moses Kwarare a re ba hakgamaditswe le go swabisiwa ke ditiragalo tseo tsa go kgokgontshiwa ga morafe mo go golang go dirwa ke batho ba ba sa obameleng molao.

A re tiragalo ya Labotlhano bosigo e ba tshoganyeditse ba santse ba itshematshema go ya go sireletsa morafe le dithoto, mme a solofetsa fa ba boloditse letsholo go ya go nna podi matseba le go thusa go tshwara babelaelwa wa ditiragalo tseo.

Molaodi Macha ene o solofeditse fa ba tlaa dira gotlhe go emela bothata joo ka dinao, ka go betla methale e e ka thusang go hema ditlhaselo le go lere tharabololo ya sennela ruri ka go akaretsa ba-na-le seabe botlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : KUMAKWANE

Event : Phuthego

Date : 02 Apr 2019