Malatsi a botshelo ke tshegofatso e e tswang godimo
02 Apr 2019
Mogodi mongwe wa kgotla yoora Kamodi kwa Kanye e rile ka mafelo a beke a kganya ka boitumelo fa bana ba gagwe, dikokomane le bangwe ba losika ba ne ba mo diretse moletlo wa go ipelela matsalo a gagwe le go lebogela Modimo go bo a mo gogile go fitlha jeno.
Fa a bua ko moletlong oo Mme Keahile Baitshoki kgotsa Mma Kentse jaaka a tlwaelesegile go bidiwa, o boletse fa dingwaga tse di lekgolo le bongwe e le palo fela mo go ene ka jaana a ikutlwa a santse a le monnye thata a bo a gatelela re ‘I am still young’.
A re o bua se ka jaana a itekanetse mo mmeleng a sena malwetse a tshwana le jwa sukiri le madi a matona, e bile le matlho a gagwe a sena bokoa bope.
A re ka jaana e le motho yo o ikanyang Modimo, o na le tumelo ya gore o santse a tlaa tshela ka lebaka.
Mme Baitshoki o tlhalositse fa a godile e le ngwana yo o boi e bile a le kutlo mo batsading ba gagwe.
A re tsone tseo ke dingwe tsa tse di mo fileng lesego la go gola a ba a tshwara dingwaga tse di kalo, a gatelela gore gape o itshwareletse ka lefoko la Modimo.
O tlhalositse fa a sa tsena sekole mo go kalo, mme a berekile ele lepodisi, a tshegeditse maemo a serrgeant ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi e e itsegeng e le ya ga Hitler.
Mongwe wa dikokomane tsa gagwe Mme Mavis Kgotlaetsho a re nkukuagwe ke motho yo o lorato, gape a rata dinyao.
A re ka lone lorato lo, o kgonne go tshwaraganya bana ba gagwe, dikokomane le ba losika go nna ngata e le nngwefela.
Mme Tlotlego Makepe le ene o kaile Mme Baitshoki e le motho yo o lorato le boineelo.
A re ke motho yo o itseng go tshegetsa lolwapa ka a agisanya a sa phatlalatse.
A re mme fa a sa rate selo o a bua go bo go fela, a gatelela ka gore Mma Kentse ke letsopa le le lesego go tshela ka boleele, mme tlhaloganyo ya gagwe e ntse e itekanetse.
Bontsi jwa dibui di boletse fa ba itumeletse go tshela le Mme Baitshoki ka lorato, ba re o ba nyadisitse gammogo le bana ba bone, ba tlhalosa fa e le leloko la motia la kereke ya Jacob’s Ladder mme a beilwe fa fatshe ke bogodi.
Mookamedi wa kereke eo Arch Bishop Walebatla Radipitse o tlhalositse fa Mme Baitshoki a bone dingwaga tseo ka ntlha ya poifo Modimo.
A kopile bana gore ba nne le tlotlo mo batsading gore Modimo a tle a ba okeletse malatsi a botshelo ba tle ba goroge kwa dingwageng tsa botsofe.
Bishop Radipitse o tlhalositse fa Mma Baitshoki e le mongwe wa matshego a kereke eo a ka nako tsotlhe a a gopolang ka ditiro tse di molemo.
Letsatsi leo le ne la natefisiwa ka moopelo le maboko ke dikokomane tsa gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : MOLETLO
Date : 02 Apr 2019




