Breaking News

Ramapodisi o kopa batsadi go baya bana leitlho

02 Apr 2019

Ditiragalo tsa bosheng tse mo go tsone go tlhokafetseng bana ba le babedi kwa Kumakwane le Molepolole, di gwetlha batsadi go nna kelotlhoko le go netefatsa pabalesego ya bana mo malwapeng ka dinako tsotlhe.

Dikgang tseo ke tse mo go tsone lesea la dikgwedi tse di lesome le boferabobedi la kgotla ya Legonono mo Molepolole le neng la gatwa ke koloi ka phoso mo lwapeng, fa e nngwe e le ya go kgangwa ke mogala wa mmankadile mo lwapeng kwa motseng wa Kumakwane.

Ramapodisi wa kgaolo ya No 11, Senior Superintendent Modise Gabatshwane, a re e re ntswa ditiragalo tsa go nna jalo e se tse di tlwaelesegileng mo kgaolong ya gagwe, go botlhokwa gore morafe o ithute mo go tsone go hema gore di boelele.

Rre Gabatshwane a re dikgang tsa mofuta o, di tlhoka go nna kelelelo e sere kgotsa batsadi ba sala ka boikotlhao gore gongwe ga ba a tsaya boikarabelo jo bo maleba.  

Kwa Kumakwane, mogolwane wa mapodisi a Thamaga o ne a supa fa ba tlhotlhomisa tiragalo ya go kgangwa ke mogala wa mmankadile ga mosimanyana wa dingwaga tse thataro wa sekole se sebotlana sa Kumakwane.

Ga twe ngwana o begilwe ke rraagwe ka fa morago ga ntlo, fa a ne a leka go mmitsa go tla go ja dijo tsa motshegare, mme a fitlhela maloba e le maabane.

Gontse go le jalo, Superintendent Kwarare a re ga ba belaele bosula bope jo bo ka tswang bo amana le tiragalo eo.

Tiragalo ya Molepolole ke e mo go yone ngwana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi wa kgotla ya Legonono a gatilweng ka koloi ya modiro wa Honda Fit ke mmaagwe mogolo ka phosego, fa a ne a leka go e sutisa mo lwapeng.  

Superintendent Labani Burns wa mapodisi a Molepolole a re ngwana go lebega a ne a tswa mo tlung go tabogela mmaagwemogolo yo a neng a sa ela tlhoko go tswa ga gagwe, mme koloi ya  mo gata ka leotwana la pele.

Bana ba babedi bao ba setse ba bolokilwe, mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.

E re dikgang di eme jalo, Superintendent Kwarare a re ba tlhotlhomisa ditiragalo di le pedi tsa go ipolaya ga banna kwa Gabane le masimo a Diphepe bosheng.

Tiragalo e nngwe ke e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa Gabane a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng a tlhokafetse gaufi le Kumakwane fa molapong wa Kolobeng.  

Moswi, go ya ka ramapodisi, o ne a emisa koloi ya modiro wa BMW gaufi le setlhare se a ikaleditseng fa go sone.

A re fa koloi e phuruphudiwa  go ne ga fitlhelwa puisanyo e e supang go tlhoka kutlwisisanyo le mmaagwe ngwana wa gagwe

E nngwe tiragalo ke e mo go yone monna mongwe wa masimo a Diphepe mo kgaolong ya Thamaga a fitlhetsweng a akgega mo marulelong a ntlo ke kgaitsadie, morago ga go kgaogana bosigo go sena dikai tsa go tshwenyega. Ditopo ka bobedi di santse di le mo diatleng tsa mapodisi go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso di tsweletse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Dipego

Date : 02 Apr 2019