Breaking News

Lenaneo la Ipelegeng le fa baakodi seriti

01 Apr 2019

Mma Boipelego wa Maunatlala Mme Kelebogile Gaotingwe o boletse mo pegong ya tekodiso morafe bosheng ka ditsamaiso tsa ofisi ya gagwe fa letsholo la go agela batlhoki ka lenaneo la Ipelegeng le le bidiwang Ipelegeng self-Building Project le tsweletse sentle.

Mme Gaotingwe o boletse fa ba ne ba dira thulaganyo e e simolodisitsweng ka 2017 ka Lwetse gore ope fela yo o senang bonno jo bo lolameng ba mo fe sebaka sa  go  ikagela ka go thapiwa mo Ipelegeng dikgwedi tse di rileng mme ba kgone go ipolokela bontlha bongwe jwa dituelo tsa bone go ba thusa mo kagong.

O boletse fa ba dirile thulaganyo e ka thuso ya ba poso ba e leng bone ba bolokang bontlha bongwe jwa madi a a dumalanweng e bong P40 ka kgwedi ga mmogo le ba khansele go thusa ka mealo ya tsa kago.

Mme Gaotingwe o boletse fa thulaganyo e, e tlaa thusa banni ba le lesome le bobedi mo Maunatlala mme ba tlaa agelwa matlo a dikamore tse pedi.

O ne a tlatsa ka go re batho ba le bararo ba ne ba sena ditsha gotlhelele mme ba kabo ditsha mo Maunatlala ba ne  ba tsibogele seemo se mme ga fefosiwa go ba abela  ditsha.

O boletse fa ba Tswapong Brigade kwa Lerala le bone ba amogetse thulaganyo e mme e bile ba solofeditse go romela bangwe ba baithuti ba bone go thusa mo kagong mme godimo ga moo ba ithaopa go tsaya ntlo e nngwe ba e aga ka ditshenyegelo tsa bone.

Mme Gaotingwe o boletse  fa go aga e se selo se se motlhofo ka  go a tura, ka jalo o akgoletse ba ba kgonneng go dirisa thulaganyo e ka a re ba setse ba kgonne go kgobokanya konkereiti le motlhaba e bile ba setse fela ka go rulela.

O boletse fa maikaelelo e le go feleletsa  ba ba thusitsweng go agelela malwapa ao le gone go ba tsenyetsa le metsi.

O ne a kopa banni ba motse go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng gore le bone ba nne le bonno jo bo lolameng e le tsela ya go ba fa seriti mo setshabeng le go supa mowa wa bopelotlhomogi le tirisanyo mmogo.

Mme Gaotingwe o boletse fa thulaganyo e e thusa ba le bantsi go fetola maikutlo le dikakanyo tsa bone mme ba nna le ponelopele ya go tsoga le bone ba ipona ba na le fa ba latsang thogo teng, ka go rialo a ba kopa go tshwara fela jalo go fitlhelela ba  kgona se ba se ikaelelang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : MAUNATLALA

Event : Potsolotso

Date : 01 Apr 2019