Monana o rotloetsa banana go itshetsha
01 Apr 2019
Rre Leina Segwai yo e leng monana e bile e le mongwe wa ba ba akotseng mo lenaneong la YDF o rotloeditse banana go batla dikitso tse ba nang le lerato mo go tsone go bona gore ba ka di fetolela mo go direng dikgwebo go itshetsa.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Segwai, yo o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa a re e rile ka 2009 a sena go fetsa lokwalo lwa botlhano a tswa letsholo go ya majako mme a retelelwa ke go bona tiro mme a boela gae go tla go leka go tsaya mananeo a nyeletso lehuma
A re e rile ka 2016 a setla tsela ya diofisi tsa lephata la banana go ya go kopa madi mme e rile ka 2017 a ya fifing a atlega a fiwa P99 000 go simolola kwebo ya go rua dikgomo.
A re o ne a reka dikgomo tse di namagadi di le lesome tsa mhuta wa Simmental le poo ya sherillin.
Rre Segwai o tlhalositse gore go tsena mo thuong ya kgomo o kgothaditswe ke gore o goletse mo tikologong ya temo-thuo e e neng e dirwa ke batsadi.
O tlhalositse fa go le botlhokwa go godisa mhama wa nama mo Botswana ka e le one o lomang wa diteemane serota mo go tsamaiseng itsholelo.
A re batsadi le bone ba ne ba mo eme nokeng ka go mo adima lefatshe le le nang le sediba ka jaana o ne sa simolodisa thuo ya gagwe mme e tlaa re mo tsamaong ya nako a batle la gagwe.
Rre Segwai a re o ipeetse seelo sa gore mo ngwageng tse pedi le sephatlho a bo a setse a duetse sekoloto sa madi a a adimilweng le gore mo ngwageng tse tharo le sephatlho a bo loruo lwa gagwe lwe atile gabedi.
O tlhalositse gore ba lephata la banana ba ne ba mo tlhatlhelela ka botsipa jwa go rua kgomo monongwaga gore a kgone go tlhokomela loruo.
A re o nna o golagana le ba ofisi ya mokenti fa a batla go botsa sengwe mabapi le mathata a a kopanag le one kwa morakeng kgotsa fa go na le sengwe sa tshoganetso jaaka kgomo e lwala.
O supile fa a ise a kopane le dikgwetlho tse di kalo ka a netefatsa gore tsamaiso ke ya maemo a ntlha.
O tlhola gore a dikgomo di nole le gore di jele le fa di le kafa tlase ga tlhokomelo ya modisa.
O kgothatsa banana go simolola dikgwebo ba santse ba le babotlana gore ba golele mo go tsone ka puso e phutholotse letsogo go tla ka mananeo a tshwana le LIMID le YDF go ba ntsha mo lehumeng.
Rre segwai a re banana ba seka ba itsemeletsa go tsena mo diofising tsa puso go batla kitso ka mananeo a nyeletso lehuma, go bona a a ka ba tswelang mosola.
O lebogetse puso go menagane go bo e mo thusitse ka go mo neela lenaneo le ka a ne a itlhobogile mo botshelong mme jaanong o bona lesedi go ya pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thusoyaone Sechele
Location : PHITSHANE MOLOPO
Event : Potsolotso
Date : 01 Apr 2019




