Breaking News

Tshwarang dithoto sentle

01 Apr 2019

Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong-potlana ya Hukuntsi, Mme Neo Tsietso a re go ngomola pelo go bona bangwe ba ba nnileng le lesego la go abelwa ba sa tshware dithoto sentle.

A re go tshwara dithoto botlhaswa go busetsa maitlamo a puso a go lwantsha lehuma kwa morago.

O buile se jaana ka Labobedi jaaka barutintshi ba lephata la thuto ga-e-golelwe ba ne ba abela moithuti wa pele, Rre Kamogelo Lekolori pompo kwa Lehututu.

Mme Tsietso o gwetlhile ba ba nnileng le lesego la go abelwa dithuso ke puso le makalana a mangwe go babalela dithoto tseo gore di seka tsa ba tswa diatleng.

A re gape ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba intsha maswe naleng ka go batla methale mengwe ya go itshetsa go oketsa se ba setseng ba se abetswe gore matshelo a bone e nne a a itumedisang go na le go ikaega ka puso.

O ne a iteela lephatha la ga-e-golelwe legofi go bo le bone go tshwanela gore le arabe mokgosi wa puso go thusa ba ba dikobo dikhutshwane mme a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi.

Rre Puso Monare o ne supa fa ba simolotse loeto lwa bopelotlhomogi ka 2012 mme ba seka ba ipona tsapa le fa ba ne ba le palo-potlana.

A re ba ne ba tswelela fela ba lomile ka meno mme ba simolola ka go thusa mo-na-le bogole kwa Lokgwabe ka go mmaakanyetsa ntlwana ya boitiketso.

Rre Monare a re ba ne ba kgobokanya madi e le babereki fela ba bararo go fitlha ba nna le P5 900 mme ka one ba itshwaraganya le ofisi ya boipelgo gore ba kgone go gokelela Rre Lekolori metsi kwa lwapeng.

Fa a latlhela tlhware logonnyana, Moruti Gabokgatlhe Modikele o ne a gwetlha boeteledipele jwa dikereke le jwa metse go ema kgatlhanong le go tshwarwa botlhaswa ga dithoto tse batho ba di abetsweng ka lorato.

A re ba tshwanetse go bona gore ba bua ka lentswe le le lengwe go ruta batho ka tlhokomele dithoto ka seo e tlaa bo e le tsela ya go thusa go babalela seriti le serodumo sa maiteko a puso le ba ba ikemetseng go lwantsha lehuma.

Rre Lekolori o ne a amogela ka tsoo-pedi, a solofetsa fa a tlaa nna sekao ka go tlhokomela dithoto tsa gagwe.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego, Rre Leletlanye Molaakgosi a re khansele-potlana ya Hukuntsi e dira ka bojotlhe go fitlhelela maikaelelo a puso a go neela batlhoki bonno jo bo eletsegang, mme a tlhalosa fa ba tlhotsa ka ba lebanwe ke letlhoko la madi.

A re ba kgonne go bona madi a tlaa ba kgontshang go thusa batlhoki ba le masome a marataro fela monongwaga mme a ikuela mo setshabeng go otlolola letsogo go thusa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LEHUTUTU

Event : KABO DIMPHO

Date : 01 Apr 2019