Breaking News

Morafe wa Sesung o tlhomamisa kgosi Motoane

31 Mar 2019

Banni ba Sesung mo kgaolong ya Letlhakeng e rile Mopitlo a tlola masome a mabedi le borobabongwe ba tlhoma Kgosi Lekang Motoane.

Moemela kgosi yo mogolwane kwa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng o ne a supa fa go le molemo e bile go tsisa boitumelo gore motse o tlhomamise kgosi go sena madiadia, a supa fa go diega ka dinako tse dingwe go tsisa kgotlhang.

Kgosi Puleng o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke seemo se ka nako tse dingwe bogosi bo felelang bo tshwana le sepolotiki ka se se ka diga bogosi seriti.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena, o supile fa kgosi Motoane a le lesego ka a tlhongwa rraagwe a santse a tshela a tlaa mo fa dikgakololo ka tiro ya bogosi.

O kopile Kgosi Motoane gore a seka a swabisa rraagwe le morafe, a bo a mo kopa go kwala se se buiwang gore a seka a iphitlhela a lebetse fa a bodiwa gore o ne a laiwa go tweng.

O mo gakolotse gape fa bagolwane ba gagwe ba le teng go mo thusa, a bo a mo kopa go dira tiro ya gagwe ka botswerere gore bagolwane ba itumele.

Kgosikgolo wa Batlokwa ebile e le modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso Gaborone o ne a supa fa bogosi e le pinagare, motheo le botshelo jo Motswana a ikaegileng ka jone.

O supile fa kgosi e le mmabatho gape e le letlharapa le le kotangwang ke dinonyane tsotlhe.

A re o dumela fa bogosi bo tlhodilwe ke Modimo, ke sone se Baebele e reng ‘tlotlang kgosi, boifang Modimo, a bo a supa fa kgosi e le motlodiwa Modimo.

Kgosi Gaborone o tlhalositse fa modi wa botho o thaega kwa kgosing, ka jalo a re fa ope a batla go itse Motswana a lebe kgosi.

O kopile morafe wa Sesung go itlotla gore ba kgone go tlotla kgosi ya bone le go mo fa dikgakololo tse di siameng e seng tse di timetsang.

Rangwaneagwe kgosi, Rre Nkagisang Tsietso o ne a kopa Kgosi Motoane gore a seka a nna molelo kana tsididi mme a nne fa gare ka se se ka mo thusa mo tirong ya gagwe.

O gakolotse Kgosi Motoane gore o tsaya mo go rraagwe yo o tlhabolotseng motse a ne a o fitlhela o sena sepe gotlhelele mme a o kgaratlhela le bogogi jo bo neng bo le teng ka nako eo.

Malomaagwe Kgosi Motoane, Rre Friction Leuwe o ne a gakolola kgosi go tsaya dikgakololo mo dikgosaneng mme godimo ga tsotlhe a ikanye ModimoFa a amogela thomo, Kgosi Motoane o ne a supa fa go sena se a ka se buang se se fetang se dibui di se buileng.

A re o amogela thomo e bile o ka seke a ba swabise ka e bile a ikantse Modimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Sesubg

Event : Peo ya kgosi

Date : 31 Mar 2019