Borukutlhi jwa ditlankana bo tlhobaetsa ba kabo ditsha
31 Mar 2019
Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Maun, Rre Obusitswe Ntirelang a re lekgotlana leo le tshwenngwa ke ditlankana tse di itirelwang ka bokukuntshwane.
Rre Ntirelang o buile jalo mo puisanyong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Maun e e neng e rulagantswe ke lekalana le le ikemetseng la Botswana Centre for Public Integrity bosheng.
O supile fa dikgang tsa ditlankana tse e seng tsa boammaaruri e le kwa mafelong a lephata la kabo ditsha le iseng le simolole go aba teng, e bile bontsi e le ditsha tse di fa thoko ga noka.
Rre Ntirelang a re lekgotlana le amogetse dingongora tse di fetang masome a mararo tsa ditlankana tse di dirilweng ka borukhutlhi.
A re tse dingwe ke dikopo tsa boswa mme beng ba ditsha ba sale botshelong.
O bile a re ba tshwenngwa ke bomaipaafala ba ba ipayang mo bofelong jwa motse kwa go iseng go ajwe teng.
Rre Ntirelang o supile fa go na le tiego ya kabo ditsha ka go tshwanetse ga dirwa dipatlisiso tsa tikologo ka go lemogilwe fa kgaolo ya Maun e tshabelelwa ke matshosetsi a merwalela, mme a re dipatlisiso di tlhoka madi a mantsi.
A re lekgotlana la kabo ditsha le santse le aba dikopo tsa 2006 a ya bokhutlong.
O supile fa lekgotla la kabo ditsha le dira maiteko a go thusa banana ba bagwebi ba Maun ka go ba fa mafelo a a senang sepe go ka a dirisa, mme a re bagwebi bao ga ba letlelelelwe go aga dikago tsa sennela ruri.
Mongwe wa batsena dipuisano tseo, Rre Lesego Moiteela a re go ka nna molemo fa lekgotla la kabo ditsha le ka abela banana ba bagwebi ditsha tseo.
A re go adimiwa setsha go kgoreletsa dikeletso tsa bagwebi tsa go godisa dikgwebo.
Rre Frank Mafela ene a re barui ba diphologolo tsa naga ba tshwanetse go dirisa terata ya motlakase e e ka kganelang dibatana go tshwenya balemi-barui.
A re go ka nna molemo fa barui ba ka phimolwa keledi ke ba ba ruileng diphologolo tsa naga fa ba senyeditswe ka puso e diega ka phimolo-keledi.
Rre Jack Ramsden le ene o kaile fa barui ba tshwenyegile ka tshenyo e e bakwang ke dibatana tse di ruilweng, bogolo jang ditau tse di jang dikgomo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Puisanyo
Date : 31 Mar 2019




