Breaking News

Spekere sekgantshwane sa koma

31 Mar 2019

Nkatlang Maikano, yo o itsegeng ka leina la Spekere mo go tsa kopelo, a re mongwe le mongwe o na le talente e a e filweng ke Modimo.

A re bangwe ke bommantswitswidi ba poko, bangwe ba go kwala fa ene e le sekgantshwane sa koma, e bile o ipelafatsa ka yone.

O tlhalositse gore morago ga go sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro ka 2008, o ne a seka a ineela mme a simolola go binela Kgokgonono le Kganka.

A re e rile ka 2015, a kopana le Kgagaripa, mme go kopana moo ya nna tshimologo ya loeto lwa gagwe lwa koma.

“Ke godile ke rata koma, ke kopane le Kgagaripa a simolola go kwala kgatiso ya gagwe ya ntlha ya Go marara kwa Mmathethe, mme kgatiso eo ya nna yone e mphang moko le thotloetso ya gore ke gatise yame,” a tshwaela.

Spekere o ne a gatisa kgatiso ya ntlha ka 2016, e e bidiwang Taxi man. Le fa a ne a le mosha, a re e ne ya dira sentle.

“Kgatiso e e ne ya ntirela dimakatso, batho ba e reka ekare ba nwa metsi, mogala wame o sa kgale go lela, Batswana ba e reka ka botswapelo,” a tshwaela.

A re setshaba se ne sa emisa go mmitsa Spekere mme ba mmitsa Taxi Man jaaka kgatiso eo.

Spekere a re o ne a ya go diragatsa kwa moletlong wa Mmakgodumo Cultural Festival ka 2016, kwa go neng ga asha logong ga sala molora.

A re e rile ka 2017, ene le Kgagaripa ba ikopanya go tlhama setlhopha sa koma sa Malau.

O tlhalosa gore boineelo le lorato lwa koma lo dirile gore ba tlhame melawana go tsamaisa setlhopha gore se seka sa phutlhama, ka bontsi jwa ditlhopha di thubegile ka ntlha ya go tlhoka tirisanyo.

A re setlhopha se ba se dirile ka maikaelelo a go rekisa Botswana kwa mafatsheng a sele, a tlhalosa fa ba nna ba diragatsa kwa Afrika Borwa.

Spekerere o boletse gore morago ga go lemoga fa ba mafatshe a sele ba rata koma, ba itoma molomo wa tlase go diragatsa maikaelelo a bone a go bapatsa Botswana, ditso le ngwao tsa Setswana ga mmogo le koma e bontsi jwa Batswana ba ipelafatsang ka yone.

“Koma ke yone e e re farologanyang le diopedi tsa dingwe mo mafatsheng.

Re tswa go diragatsa kwa Lesotho mo moletlong wa Lesotho Cultural Festaival kgwedi e e fetileng fa kwa Zimbabwe re ya go diragatsa ka Moranang jaana,” a tlhalosa.

O rotloeditse diopedi tsa mmino wa setso go itlhamela dipina, ba emise go tsaya tsa dikhwaere tsa bogolo ba bo ba di tsenya molotsana le moribo mme morago ba re ke tsa bone.

A re go dira jalo ga se go itirela boammaruri e bile gape ke go digela boleng jwa kopelo ya mmino wa dikhwaere kwa tlase.

O tlhalositse gore bontsi jwa diopedi tsa mmino wa setso di lela ka go tlhoka kemo nokeng ga setshaba. A re seo se dirwa ke ka fa ba dirang dipina ka teng.

“Fa o dira sengwe le sengwe o tsentse marapo dinameng, o dira ka lorato, boitshoko le boineelo dipina o ka tlhama tse di monate tse di tlaa gwetlhang setshaba go go ema nokeng ka gore ba tlaa gogelwa ke ka fa o apeileng dipina tsa gago ka teng,” a tshwaela.

A re bontsi jwa Batswana ba rata dipina tsa setso e bile le bangwe ba ipelafatsa ka tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : GABORONE

Event : Puisanyo

Date : 31 Mar 2019