Breaking News

Kgosi o tlhalosa bokao jwa letlalo la nkwe

31 Mar 2019

Kgosi Michael Molefhe wa Kopong mo kgaolong ya Kweneng a re fa kgosi e bewa, e apesiwa letlalo la nkwe ka jaana nkwe e le mebala; mengwe e bonala mme mengwe e sa bonale.

A re se se raya gore kgosi o tshwanetse go itse fa a tsile go bereka le batho ba mebala e e farologaneng, ka jalo o tshwanetse go bereka le bone ka tekatekano, terisanyo, boineelo, lorato le bopelotelele.

“Fa kgosi le morafe ba sa bereke ba le moono mongwe fela, go motlhofo gore bogosi bo phutlhame ka mogologolo o rile kgosi ke kgosi ka morafe,” a tshwaela.

O ne a bua jaana kwa moletlong wa go tlhomamisa kgosana ya kgotla ya Modikwagae Kgosi George Tubego semmuso bosheng.

Kgosi Molefhe o tlhalositse gore kgosi ya motia e tsaya ditshwetso tse di tlaa sologelang morafe molemo.

“Botswana ke lengwe la mafatshe a a renang  kagiso le thokgamo mme seo se dirwa ke dikgosi ka go tsereganya fa morafe o lwa kana o sa dumalane ka megopolo,” ga bua Kgosi Molefhe.

A re lentswe la kgosi le tsisa kagiso, lorato le boitumelo mo setshabeng, ka jalo kgosi o tshwanetse go bopa morafe.

A re kgosi ke ene a lomaganyang setshaba le maphata a puso, ke ene mmueledi wa morafe.

Kgosi Molefhe o gwetlhile morafe wa Basikwa go bereka le kgosana ya bone sentle ba sa mo imetse tiro.

Le fa go ntse jalo Kgosi Molefhe o buile gore pele ga kgosana ya kgotla eo e tlogela bogosi, go ne ga nna ke mekubukubu gore setilo seo se tlaa gatwa ke mang, mme kwa bofelong motse wa felela o dumalana gore setilo se lebagane Kgosi Tubego.

A re ka lefatshe leno e le la batho ka batho, Basikwa ba ne ba wela dipelo mme ba felela ba dumalana ka mogopolo.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Tubego o ne a ikana fa a tlaa berekisana le morafe ka lorato le boineelo.

“Fa ke fetileng teng go a bonala, ke tswa kgakala le boeteledipele.

Ke kile ka nna mogokgo wa dikole ka go farologana mme ka ke le motho yo o tlhaga, motlhala wameo a bonala,” ga bua Kgosi Tubego.

Basikwa ba ne ba itumelela Kgosi Tubego mme ba mo eleletsa masego le matlhogonolo mo thomong ya gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KOPONG

Event : Peo ya kgosi

Date : 31 Mar 2019