Ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go ithuta
31 Mar 2019
Motshwarelela mookamedi wa lekalana la ditlamelo tse di faphegileng kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, Mme Victoria Ramaribana a re ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go fiwa boswa jwa thuto fela jaaka mongwe le mongwe.
O kgotlhaditse batsadi le setshaba ka kakaretso go netefatsa gore ba bona ditlamelo tsotlhe tse di tlaa thusang gore ba nne le isago e e nonofileng.
Mme Ramaribana a re go fa ba-na-le bogole thuto ke tshwanelo. O buile jalo ka Labone kwa Shoshong jaaka ba ofisi ya thuto mo Mahalapye ba ne ba rulagantse tiro ya go tsibosa setshaba ka thuto e e faphegileng e e fiwang ba-na-le bogole.
O kaile fa lephata la thuto le lemogile fa kitso e tlhaela mabapi le go tlamela le go ithuta go tshela le ba-na-le bogole.
Mme Ramaribana a re bana botlhe ba tshwanetse ba fiwa thuto go sa tlhaolwe ope ka popego.
“Mo-na-le bogole o na le tshwanelo ya go rutwa se ngwana mongwe le mongwe a se rutwang, mme pharologanyo ya nna ka fa ba rutwang ka teng,” ga tlhalosa Mme Ramaribana.
A re sengwe sa dilo tse ba di lemogileng ke gore bana ba ba nang le bogole ga ba wetse dithuto, mabaka mangwe e le gore ga go na yo o tlhaloganyang puo ya bone.
Mme Ramaribana a re dikole tsa ithutelo ditiro le tsone ga di na ditlamelo tsa go ruta ba-na-le bogole, ka jalo seemo se se ba tima sebaka sa go tsweledisa kana go ithuta sepe se ba se eletsang.
A re bokopano jwa mofuta o, bo tlaa thusa go arogana maele ka maikaelelo a go tokafatsa ditlamelo tsa thuto go lebeletswe go akaretsa ba-na-le bogole.
O supile fa go na le thulaganyo ya go thusa gore bana bao ba bone thuso e e tshwanetseng.
Mme Ramaribana a re go tshwaragana le makalana a mangwe go ntshitse maduo ka jaana ba kgonne go isa batlhoka kutlo go tsena sekole sa tiro ya diatla kwa Afrika Borwa.
Le fa go ntse jalo, Mme Ramaribana a re go botlhokwa gore makalana ka go farologana ba ithute puo e e dirisiwang ke ba ba senang puo le kutlo.
O tlhalositse gore go tlhoka go itse puo ya diatla go dira gore ba-tlhoka kutlo ba palelwe ke go ikuela fa ba na le mathata mme seemo seo se dire gore ba tsenwe ke boitlhobogo.
Modulasetilo wa lekalana la ba-na-le bogole mo Shoshong, Mme Oakantse Kanokang o supile fa ba faraferwe ke dikgwetlho.
A re bana bangwe ba ba nang le bogole ba tlogelwa ba le nosi ba sena tlhokomelo, jaaka batlhokomedi ba bone ba kgarakgatshega go batla mafulo a matalana.
A re o tshwentswe ke tlhaelo ya barutabana ba ba nang le kitso ya go ruta baithuti ba ba nang le bogole.
E rile a ntsha molaetsa ka thuso ya moranodi, monana wa motlhoka kutlo, Rre Edwin Mabotle go tswa Gantsi, a re o kopanye le bogole a le dingwaga di supa.
O supa gore o bonye thuso ya go tsweledisa dithuto kwa Ramotswa kwa go nang le barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-tlhoka kutlo.
Rre Mabotle a re o bone mosola wa thuto ka e bile a kgona go thusa mo go ruteng ba-na-le bogole ba bangwe.
O kopile batlhokomedi ba ba-na-le bogole gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong ba ba ntshetse mo pontsheng le go ba fa sebaka sa go ithuta.
A re go dira jalo go tlaa neela ba-na-le bogole sebaka sa go ipetlela isago e e lakaselang.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya thuto le botsogo mo khanseleng-potlana ya Mahalapye, mokhanselara Nametso Koma o ne a gatelela botlhokwa jwa go ruta setshaba ka ditlamelo tsa ba-na-le bogole.
Le fa ditlamelo tsa ba-na-le bogole di santse di tlhaela, Rre Koma a re maiteko a a dirwa go di tokafatsa.
O supile gore sengwe sa tse di ka pakang seemo se, ke go bona barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-na-le bogole ba ntse ba oketsega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : Dithuto se ka dipuisanyo
Date : 31 Mar 2019




