Tiriso ya maranyane e tshwentse puso
31 Mar 2019
Mogolwane wa ofisi ya banana mo kgaolong ya bokone bophirima, Rre Jacob Sekgoni a re puso e tshwenyegile ka tiriso botlhaswa ya maranyane.
Fa a bua kwa kalosong ya dialogane di le masome a supa le bongwe e e neng e rulagantswe ke ba motlobo wa dibuka kwa Maun, Rre Sekgoni o boletse fa batho bangwe ba dirisa maranyane go tlhapatsa, go lotlhanya le go kgobera ba bangwe maikutlo.
Baithuti bao ba ne ba rutintshiwa go dirisa dikhomputara le maranyane.
Rre Sekgoni o boletse fa thuto ya maranyane mo metlobong ya dibuka e simolotswe ke lekgotla la Bill and Melinda Gates go tswa kwa Amerika, ba ba ne ba lemogile gore batho ba bantsi ba saletse kwa morago mo tirisong ya maranyane.
A re lekgotla leo le ne la itshwaraganya le lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao ga mmogo le lekgotla la ACHAP go isa maranyane kwa bathong.
A re dithuto tseo tse di tlwaelesegileng ka leina la Sesigo, go tewa sefalana sa kitso, di aname le lefatshe leno ka bophara. Rre Sekgoni o boletse fa maikaelelo a dithuto tseo e le go fetola matshelo a baithuti ga mmogo le seemo sa bone sa itsholelo.
A re ba itumelela gore bagolo ba tla kwa metlobong ya dibuka go buisanya le bana ba bone ba ba kwa mafatsheng ka maranyane.
A re maduo a mangwe a a itshupileng ke a batho ba ba neng ba sa kgone go bona ditiro mme ba simolola go tsena mo maranyaneng ba batla ditiro tse ba feletseng ba di bona.
Rre Sekgoni o ne a akgola motlobo wa dibuka wa Maun a re mo ngwageng ono wa madi ba kgonne go rutuntsha baithuti ba le 237, palo e e akaretsang ba le 88 ba ba alogileng ka boipuso ngogola.
O kgothaditse dialogane go tsweledisa dithuto tsa bone le go itlhamela mebereko ka jaanong ba amule botsipa le kitso ya tiriso ya maranyane.
Motlobo wa Maun o butswe ka 1970 mme ka nako eo go ne go sena dikhomputara jaaka gompieno.
Mogolwane wa motlobo wa dibuka mo Maun, Mme Hilda Bawani a re ka nako eo batho ba ne ba tlela go bala fela mme a lebogela go tla ga dikhumputara le tshimolodiso ya lenaneo la Sesigo a re le butse ba le bantsi matlho.
O gwetlhile dialogane go ikoketsa dithuto, ka se ba se ithutileng ke motheo fela, a tlatsa ka go re banana ba ka kgona go batla dikole ka maranyane.
Kgosana wa Sanyedi, Kgosi Molefabangwe Setlhare ene o ne a kopa dialogane gore ba seka ba dirisa maranyane botlhaswa mme ba a dirise mo go tse di ka ba sologelang molemo.
A re letlhoko la ditiro le apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba, mme a ba lemotsha fa sebaka sa go ikapola lehuma se fitlhile ka tiriso ya maranyane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kaloso
Date : 31 Mar 2019




