Breaking News

Kepo ya motlhaba e tlhoka kelelelo

28 Mar 2019

Kgosi Baikananyi Sebetlela wa Maokatumo kwa kgaolong ya Legare o kopile banni ba motse oo go dirisa motlhaba wa molapo ka kelotlhoko go babalela tikologo. 

O boletse mo potsolotsong fa molapo wa Maokatumo o simolola kwa mekgatsheng ya Tamasane, o feta ka metse ya Diloro, Kgagodi le Mogapinyana o bo o ralala naga go fitlhela o ya go felela o kopana le dinoka tse di tona, ka jalo o tshwanetse go tlhokomelwa gore o solegele botlhe molemo.

Kgosi a re go epa motlhaba mo dinokeng le melapo go sena kelelelo, go setse go tlogetse bangwe ba iphotlhere ka go bo dinoka le melapo eo di setse di sa elele metsi sentle.

A re seo se ama botshelo jwa batho, ditlhare le diphologolo tse di ka bong di bona metsi mo nokeng eo.

“Mo go tsa kgwebo e e amanang le motlhaba, motlhaba o tshwanetse go tsewa mo dinokeng tsa bophara jwa dimithara tse di thataro go ya kwa godimo, mme mogwebi a ikgolagantse le ba lephata la meepo go fiwa teseletso ya go epa motlhaba,” kgosi a tlhalosa.

Kgosi Sebetlela a re moikopedi o tshwanetse go tsenya kopo kwa go ba lephata la meepo gore ba mo neele teseletso ya go ka epa motlhaba, e re morago ga go fiwa teseletso a segelwe fa a ka tsayang motlhaba teng mo nokeng ke ba lephata la kabo ditsha.

Mo kgaolong ya Maokatumo, kgosi o supile fa ba ba gwebang ka motlhaba ba tshwanetse go kopa teseletso ya go epa motlhaba wa molapo, ba bo ba fiwa fa ba ka tsayang motlhaba teng gore mongwe le mongwe a nne manontlhotlho fa a epang motlhaba teng.

A re batho ba ba dirisang dikara tsa ditonki le diteraka, le bone ba rwala motlhaba ka selekanyo se se ko godimo ka jalo puso e tshwanetse go ba tsenya leitlho e le nngwe tsela ya go netefatsa tshomarelo ya motlhaba.

Kgosi a re go epa motlhaba mo dinokeng ntle le teseletso, ke molato o motho a ka o atlholelwang madi a a seng ko tlase ga P1000 ebile a sa fete  P10 000 go ya fela ka fa molato o ntseng ka teng.

Kgosi Sebetlela o rotloeditse botlhe ba ba gwebang ka motlhaba le ba ba nang le keletso ya go gweba ka one go kopa diteseletso ko lephateng la meepo le go itse ka ditsamaiso tsa go epa motlhaba.

O tsweletse a kopa sechaba go thusa mo go sepe fela se se ka amanngwang le borukutlhi jwa kepo ya motlhaba.

Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi, Kgosi Ketlhapile Kedikilwe a re baeteledipele ba motse, badikgwebo ga mmogo le morafe ba tshwanetse go kopanela dikgang tsa motse di tshwana le go epiwa ga motlhaba ka go bo mongwe le mongwe a tshwanetse go sologelwa molemo ke se se motseng wa gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : Maokatumo

Event : Potsolotso

Date : 28 Mar 2019