Dikgaolwana tsa khansele ya Borwa di lela ka lenyora
28 Mar 2019
Seemo sa tlhaelo ya metsi ke kgwetlho kwa dikgaolong tse di okametsweng ke khansele ya Borwa.
E ne ya re a akgela mo molaetseng wa modulasetilo wa khansele ya Borwa bosheng, mokhanselara wa kgaolo ya Ralekgetho, Rre Omphile Motlhajoe, a re banni ba Ralekgetho le Pitseng ba tlhasetswe ke lenyora.
A re se se tla morago ga gore sediba sa Ralekgetho se tseelwe motshine oo pompang metsi.
Le fa go ntse jalo a re metse ya Pitseng le Ralekgetho e ne e ntse e tshelelwa metsi fela sentle ka dikoloi tsa metsi, mme ga go sa tlhole go diragala jalo.
Rre Motlhajoe a re mo khanseleng e e fitileng, lephata la metsi le ne le rile le tlaa romela setlhopha go ya go sekaseka gore a metsi a teng.
O supile gore banni ba metse e mene e e bopang Ralekgtho ba ntse ba a nwa mo letamong le le bidiwang Zambia le mo nakong eno le kgalang.
Fa a tswa la gagwe ka selelo sa lenyora kwa Madingwane, mokhanselara wa kgaolo ya Ramatlabama, Rre Boniface Leshomo, o ne a bolela fa pompo ya motse oo e senyegile , mme banni ba iphema lenyora ka go ga metsi a letamo.
A tlatsa ka gore mo gompienong letamo leo le a kgala.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mokhomma, Rre Kebotlotlile Mothobiso, a re ga gona sediba sa baikopanyi kwa motseng wa Mokhomma.
A re o kopa gore banni ba phunyediwe sediba ka gore didiba tse di leng teng ke tsa batho ba ba ikemetseng.
A re beng ba didiba tse di ikemetseng ba lopa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dituelo mo e felelang batho ba nosetsa mo malwapeng a bone.
Mokhanselara wa kgaolo ya Kebuang, Mme Kopano Pasela, a re fa e sale Sedimonthole ngogola ga ba bone metsi.
A re ere le ntswa ba lephata la metsi ba ne ba ka ba thusa ka metsi kgaolo ya gagwe e a tlhatloga gape e matlapa, ka jalo o ikopela mo ba ditsela go baakanya seemo se. Mokhanselara wa kgaolo ya Marapalalo , Rre Kabelo Lemme a re le fa ba lela ka metsi, ba boleletswe gore tanka e e ko Ntsweng ga e sa tlhole ele mo tirisong.
Fela a re o tshwenngwa ke gore ba lephata la metsi ba tlhokomologile tanka ya bone.
Kopo ya gagwe ke gore ba lephata la metsi ba bolele maikaelelo a bone ka tanka e ka gore e fetogile lefelo la borukutlhi.
Mokhanselara wa kgaolo ya Maokane Mme Tshupontle Kgetsi are o lebogela gore ebe seemo sa tlhaelo ya metsi ko motseng wa Maokane se tsibogetswe ka go agelwa sediba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mphoyaone Mothibi
Location : Kanye
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 28 Mar 2019




