Breaking News

Ntwa kgatlhanong le kanamo ya HIV e tlhoka boineelo

28 Mar 2019

Banana ba kopilwe go ema puso nokeng mo maitekong a yone a go lwantsha kanamo ya HIV.

Kopo e, e dirilwe ke molomaganya ditiro tsa lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Phineas Kgare, fa a bula semmuso segopotso sa kgwedi ya banana kgatlhanong le HIV/AIDS kwa Masunga bosheng.

Rre Kgare a re puso e tshwere ka thata go tlhomamisa gore mogare o tlaa bo o nyeleditswe gotlhelele ka ngwaga wa 2030.

A re mme puso ka nosi e ka seke ya kgona go fitlhelela kwa tebelopeleng e.

A re tshwaragano le go tsiboga ga setshaba ke gone fela mo go ka thusang puso go fenya ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV, ka jalo a gwetlha banana go di goga kwa pele mo go lwantsheng seemo se.

Rre Kgare o tsweletse a kopa banana go tsaya boikarabelo jwa go laola maikutlo a bone le ka fa ba dirang dilo ka teng.

A re go itse seemo sa bone go tla ba baya mo maemong a a siameng go ka tsaya ditshwetso tse di maleba ka dinako tsotlhe jaaka go tila go tsenwa ke mogare le go sala morago mekgwa ya tlhomamo ya tsa tlhakanelo dikobo.

Rre Kgare a re go a gakgamatsa go bona banana ba tsweletse ka go tsenwa ke mogare lentswa puso e dirile maiteko otlhe a go ba tlhamela mananeo a dithuso, a a ka thusang go ba bopa go nna Batswana ba ba nang le boikarabelo.

O ne a supa gape fa go ngomola pelo go bo lefatshe leno e le lengwe la a di gogang kwa pele mo kanamong ya HIV/ADS, a bolela fa dipalo di supa fa lefatshe leno le le mo maemong a boraro lefatshe ka bophara mo seemong sa bolwetse joo.

Ka jalo Rre Kgare o ne a gakolola banana go tswa ka mananeo a a ka ba thusang go fitlhelela maikemisetso a bone a go lwantsha segajaja sa HIV/AIDS, a bo a supa botlhokwa jwa gore batsadi ba tshwanetse ba tsena letsatsi leo, go utlwa maikutlo a banana.

A re go nna teng ga batsadi go ka ba thusa gore ba godise bana ba bone ka boikarabelo jo bo maleba.

Fa a tswa la gagwe, mooki kwa kokelong ya Masunga, Rre Mbati Basupi a re batho ba tshwanetse go itse fa go iphitlhela ba na le mogare e se phelelo ya botshelo mme ba kgona go tshela sentle, fela fa ba tsaya kalafi ya bone ya diritibatsi ka fa tshwanelong.

Rre Basupi a re go a tshwenya ka jaana bangwe ba santse ba le maoto a tshupa go tsaya boikarabelo jwa go sala morago ditaelo tsa ba bongaka, mo ba felelang ba sa nwe diritibatsi ka tshwanelo kgotsa ba di phuaganya gotlhelele.

E ne e rile a lekodisa banana ba kgaolo ya bokone botlhaba ka seemo sa HIV/AIDS mo kgaolong, molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS mo kgaolong eo, Rre Chris Moseki o ne a bolela fa seemo sa bolwetse joo mo nakong eno mo kgaolong e le 17.7 per cent, a supa fa seo e le palo e e kwa godimo thata.

Le ene fela jalo o ne a kopa banana go lwantsha HIV/AIDS ka gotlhe mo ba nang le gone, a gatelela botlhokwa jwa gore borre ba inaakanye le lenaneo la go rupa, ka seo se supagetse se fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Moletlo

Date : 28 Mar 2019