Breaking News

WUC e kgathala ka matshelo a batho

28 Mar 2019

 Mogolwane wa khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC), Mme Daphney Motsumi, a re mo godimo ga go nosa Batswana, khamphani eo e kgathala gape ka matshelo a batho.

A re le fa bangwe ba leba khamphani ya gagwe ka leitlho le sele ebile ba akanya fa e le e e itebagantseng le go kgaolela batho metsi, e dira go le go ntsi jaaka go thusa Batswana ka tse ba di tlhokang jaaka go abela batlhoki.

Mme Motsumi o ne a bua kwa moletlong wa go abela baithuti ba basetsana ba dikole tse dikgolwane tsa Sedimo go tswa kwa Mogapi, Mmachibaba kwa Ratholo le sa Maunatlala mesangwana ya bomme.

A re WUC ke ya Batswana mme e sa le e tlhamiwa ka 1972.

A re e santse  e lebane le dikgwetlho tse di farologaneng jaaka go thubega ga dipompo.

O ikuetse mo setshabeng go ba tsibosa fa ba bona metsi a dutla kana pompo e thubegile golo gongwe.

Fa a itebaganya le kabo ya mesangwana, Mme Motsumi a re ngwana wa mosetsana le wa mosimane ba na le dikgwetlho botlhe, mme tsa mosetsana go supafala fa di le dintsi.

A re fa ngwana wa mosetsana a tlhoka mosangwana ke kgwetlho mo go ene ka seemo seo se kgona go kokonela seriti sa gagwe. 

A re ba ne ba bona gore madi a Batswana ba duelang ka one metsi ba seka ba a tsaya ba a tsenya mo sekgwameng sa bone mme ba thuse ka one.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ratholo, Rre Letsweletse Letsile o lebogile WUC go bo e dirile tiro e tona ya go abela baithuti.

A re tiro e ba e dirileng, ke e puso e e rotloetsang go isa dithuso kwa di tlhokiwang teng.

O ne a rotloeditse WUC go tswelela e thusa fa go nang le botlhoki teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Ratholo

Event : Kabo Dimpho

Date : 28 Mar 2019