Breaking News

Mmino bokamoso jwa banana

27 Mar 2019

Ditlhopha tsa mmino wa Setswana di ka ntsha banana mo mekgwatlheng le go tokafatsa maitsholo a bone.

Monana wa Palapye, yo gape e leng moeteledipele wa setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa se se itebagantseng le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana, Rre Leungo Bosele o buile jalo mo potsolotsong bosheng.

Rre Bosele a re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se se agilwe ka banana ba feta masome a mabedi, mme o lemogile fa ditlhopha tsa mofuta o, di ka ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng.

A re kwa Palapye ditlhopha tsa mmino wa Setswana di oketse banana kwa go tsone ka dipalopalo, a tlatsa ka gore dipina tsa Setswana di na le molaetsa o o ka fetolang maitsholo. 

A re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se tlhamilwe ka ngwaga wa 2014 maikaelelo e le go lwantsha dikgwetlho tse di akaretsang botlhoka tsebe jwa banana.

A re ba tlhama dipina tse di nang le molaetsa o o ka agang,.

A re leloko lengwe le lengwe le fiwa sebaka sa go ntsha matshwenyego a gagwe a botshelo mme setlhopha se mmatlela thuso. 

Rre Bosele a re le ntswa ba itebagantse le go aga banana, mangwe a maikaelelo a bone ke go tsenya letsogo mo kgodisong ya bodiragatsi ka go ribolola ditalente mo bananeng.

A re Phalana tsa Lekgarapa e setse e ribolotse ditalente mo bananeng ba Palapye le metse e e mabapi, a kaya fa ba ipelafatsa ka banana ba ba nang le ditalente tsa go opa diatla, go opela le go bina mebino ya Setswana ka go farologana. 

A re setlhopha sa bone ke mmamoratwa mo kgaolong ya Legare, a supa fa ba lalediwa go diragatsa mo medirong ya makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi ka go farologana, a tlatsa ka gore ngwaga le ngwaga ba tsena dikgaisanyo tsa malatsi a ga tautona tsa bodiragatsi.

“E re ntswa re ise re fitlhelele makgaolakgang a dikgaisanyo tseo, re amule go le gontsi tebang le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana ka go bo re ithuta mo ditlhopheng tse re iteisanang borathana le tsone,” a tlhalosa jalo. 

Rre Bosele a re mo isagong ba tlaa thusa maloko a setlhopha a a sa berekeng ka go ba tlhamela dikgwebo tse dipotlana ka dipoelo setlhopha, e le nngwe tsela ya go ba leboga le go ba supegetsa fa mofufutso wa phata tsa bone o ka fetola matshelo a bone.  

A re o na le keletso ya go bona bodiragatsi jwa mo gae bo godile, mme ebile bo kgonne go ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng le go fetola maitsholo a bone, ba itshetse ka ditalente tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 27 Mar 2019