Breaking News

Makhanselara a amogela pego

27 Mar 2019

Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a amogetse pego ya ditlhabololo tsa kgaolo.

E rile a akgela mo pegong eo kwa phuthegong ya khansele, makhanselara a re lentswa go na le dingwe tse di saletseng kwa morago, ba lebogela go bo bontsi jwa dilelo tsa bone di arabilwe.

Fa ba akgela mabapi le lenaneo la nyeletso lehuma, le ba kileng ba bo ba re le le bonya go goroga kwa kgaolong ya bone, makhanselara ba ne ba supa fa ba itumelela maiteko go thusa baikopedi ba lenaneo leo.

Ba re bontsi jwa baikopedi ba nyeletso lehuma ba ba neng ba emetse go thusiwa ba setse ba thusitswe.

Makhanselara a ne a ngongorega ka dingwe tse ba tlhalositseng di santse di sa ba jese di welang, di akaretsa seemo sa ditsela, tlhaelo ya metsi le ditlou tse di ba boletseng di thorontsha banni le tse di amanang le tsa temo thuo, gareng ga tse dingwe.

Ba re ditlou di baya matshelo a batho mo diphatseng, mme e bile gape di baka tshenyo kwa masimong. 

Fa a araba mabapi le ntlha eo, mogolwane wa lephata le diphologolo le makgabisa naga kwa Masunga, Rre Malatsi Mamani o ne a gwetlha makhanselara go rotloetsa setshaba go nna podi matseba ka dinako tsotlhe go netefatsa gore ga ba tlhaselwe ke ditlou.

Rre Mamani a re ba tsweletse ka go sekaseka tshenyo e e bakilweng ke ditlou le go duela ba ba amegang.

O ne a tshepisa fa ba tla leka bojotlhe go laola seemo seo sa go sasankega ga ditlou mo kgaolong eo.

Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e leng mokhanselara wa Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o ne a kopa gore ditsela di tsibogelwe, a tlhalosa fa tsela ya Francistown/Matsiloje e le mo seemong se sesa itumedisang, ka jaana e le dikhutikhuti..

Gontse go le foo, kgang ya phatlalatso ya metsi go supagetse fa e le nngwe ya tse di tshwenyang makhanselara, mme mogolwane wa WUC, Rre Abednico Mooka o ne a leka go tlhalosa ka maiteko a ba tsweletseng ka go a dira go leka tokafatsa seemo sa metsi.

Makhanselara ba ne ba supa fa ba sa dumele seo ka jaana ba nna ba solofediwa fa go dirwa sengwe go leka go tokafatsa mafaratlhatlha a phatlalatso ya metsi, mme go se nko e tswang lemina.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani a re dikgang tsa metsi di ka felela di baka gore setshaba se felelwe ke tshepo mo go bone ka jaana ditlhaloso tsa ba WUC di fetoga tsatsi le letsatsi.

A re bogolo go ka nna molemo fa ba WUC ba ka ipha matsapa a go nna ba ya go buisa sechaba go tlhalosa ka dikgang tse di amanang le metsi.

Fa a tshwaela mabapi le dikakgelo tsa makhanselara, Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Loeto Porati, o ne a re le fa makhanselara ba ngongoregela dilo dingwe, fela go a itumedisa go utlwa ba akgola bodiredi fa ba bonang maduo le go ntsha bogakolodi fa ba bonang go tlhotsa teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego ya khansele

Date : 27 Mar 2019