Breaking News

Motlhoka-pono o rurifatsa fa phokoje go tshela yoo dithetsenyana

27 Mar 2019

Mme Mmandu Odirile, yo e leng motlhoka-pono, o kgothaditse ba-na-le-bogole go ikamogela le go ikemela ka dinao gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di ba aparetseng. 

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Odirile yo e leng mongwe wa bagwebi ba ba botlana ba mekgwatlha kwa Palapye a re ba-na-le-bogole ba feletsa ba amiwa ke lehuma le go feta ka go bo ba sa amogele diemo tsa bone le go ikemela ka dinao go fetola matshelo a bone. 

A re dikgwebo tse dipotlana di ka fetola matshelo a ba-na-le-bogole ka jalo a ba rotloetsa gore ba inaakanye le tsone, a kaya fa kgwebo ya gagwe e potlana e kgonne go mo tshetsa. 

Mme Odirile a re o simolotse go innakanya le kgwebo e potlana ya mo mekgwatlheng kwa Gaborone, mme ya re ka ngwaga wa 1995 a boela gae kwa Palapye ka ntata ya bolwetse jo ko pheletsong bo neng jwa mofoufatsa ka ngwaga wa 1996. 

“Fa ke sena go foufala ke ne ka nna le kutlobotlhoko e ntsi, mme ko morago ka ikamogela. Ka ke ne ke setse ke na le bana ba le bararo, ke ne ka kopa Modimo gore a mphe tlhaloganyo ya gore nka godisa bongwanake jang” a tlhalosa. 

A re morago ga go ikamogela, o ne a ema ka dinao a tsweledisa kgwebo e potlana ya gagwe e a neng a e dira pele a foufala.

E re ka gotwe phala e senang phalana ke lesilo, Mme Odirile a re ka a ne a setse e le motlhoka-pono mme a le mo kgwebong, bana ba gagwe ba ne ba mo ruta madi a dipampiri le a ditshipi ka go mo a tshwarisa ka diatla go fitlhelela a kgona go a tlhaloganya otlhe ka go a tshwara. 

O kaile fa a kgona go thusa bareki ba kgwebo ya gagwe fela jaaka motho yo nang le pono, mme ebile a supa fa bangwe ba a tle ba makalele gore o kgona go busa chenchi a sa tsietsege, a tlatsa ka gore seo ke thuto le thotloetso mo bathoka-ponong ka ene. 

Mme Odirile, yo o nang le dingwaga di feta masome a mabedi a rekisetsa fa pele ga sepatela sa Palapye, mme ebile le mo bogompienong a ntse a rekisetsa teng, a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle mo ebileng a kgonneng go nyeletsa lehuma mo lelwapeng la gagwe. 

“Ke rekisa tse di rekisiwang ke bagwebi ba mo mekgwatlheng ka go farologana magareng ga tsone e leng dinotsididi, maungo, airtime, dilekere le tsone diaparo tota,” a tlhalosa. 

 A re kgwebo e na le dikgwetlho ka jalo e batla motho yo o pelotelele, boineelo le lerato la go itirela ka matsogo. 

 A re ba-na-le-bogole ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go ikaega ka puso a kaya fa ba tshwanetse go ikemela ka dinao go fetola matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 27 Mar 2019