Kgosi ga a itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana
27 Mar 2019
Kgosana wa tetlanyo kwa Lekgolobotlo kwa kgaolong ya Borwa, Rre Aupa Mokabedi, a re ga a itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana bangwe kwa motseng oo.
Kgosana Mokabedi o buile se mo potsolosong bosheng, a gatelela gore go gantsi a bitsa diphuthego tsa kgotla a bua ka boitshwaro jwa banana, mme ga gona phetogo.
“Ke kopa batsadi gore ba tshwaragane le rona ele tsela e nngwe ya go thusa go alafa bothata jo,” a bolela jalo.
O supile fa dingwe tsa dilo tse di sa ba jeseng monate di dirwa ke bangwe ba banana ba ba inaakantseng le tsa marato ba sa le babotlana.
Kgosi Mokabedi o tlhalositse fa a ne a ka alafa seemo se ka go letsa moretlwa, a supa fa jaanong bomadimabe e le gore molao ga o letle.
A re banana bangwe ba tlogetse sekolo ka ntlha ya boimana, fa ba bangwe ba inaakantse le nnotagi, diritibatsi le tse dingwe tse di duleng mo tseleng.
Kgosi a re gantsi banana ba ba amegang mo ditirong tsa go nna jalo ba simolola botlhoka tsebe fela ba santse ba le mo sekolong se sebotlana sa motse oo.
A re gantsi fa batsadi ba tsenya kgalemo, e nna ekete bana ba a utlwa fela ka nakwana, mme morago ba simolole gape, a tlatsa ka gore, go na le ba e reng fa ba kgalemelwa ba fetole ka mafoko a a botlha.
“Ke batla go gakolola banana ba motse o, gore ba tlhwaafalele thuto ka ele bokamoso jwa bone, le go ikgapha mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso,” a bua.
Kgosi Mokabedi o supile gape fa banana ba motse oo ba sena kgatlhego go dirisa mananeo a go itshetsa aa tlhamilweng ke puso.
A re ba boitseme mo go tseeng mananeo a tshwana le a thuo ya dikoko le dihutshane ka ga ba na kgatlhego e ntsi mo thuong.
O supile fa ba supa kgatlhego e ntsi mo kgwebong ya dimausu le tse dingwe tse di bogadi bo gaufi, le go bereka ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng.
“Kena le pelaelo ya gore ka tsela nngwe ba ka tswa ba rata lenaneo la Ipelegeng ka gobo ba sa bereke sepe se se bokete koo,” a supa.
Fa a ama seemo sa borukutlhi mo motseng wa gagwe, kgosi a re bogodu jwa leruo bo bontsi thata mo motseng wa Lekgolobotlo.
O tlhalositse fa letsholo la kgomo khumo le ise le etele motse wa bone, a re ba le utlwalela fela mo metseng e e mabapi, mme keletso ya gagwe ke gore le goroge le ko Lekgolobotlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Lekgolobotlo
Event : Potsolotso
Date : 27 Mar 2019




