Breaking News

Botsogo jwa ngwana konokono

27 Mar 2019

Mooki kwa kokelong ya Palapye, Rre Clement Matlhadisa, o gateletse botlhokwa ja go isa bana dikokelwaneng gore ba kgone go tsaya mekento yotllhe kafa e tlhomaganang ka teng. 

Rre Matlhaisa o buile seo mo potsolosong morago ga thuto puisanyo e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa Serowe/Palapye wa dikole tsa bananyana ba barutuntshediwang go ya go simolola mophato wa ntlha kwa dikoleng tse di potlana.  

A re mekento e e neelwang bana eo, e botlhokwa mo botsogong jwa bone ka e diretswe go lwantsha malwetse a a farologanyeng. 

Rre Matlhaisa a re go fa bana kalafi ka nako go botlhokwa fela thata ka go ba sireletsa mo malwetsing a a tshelanwang jaaka balwetse jwa sebete, kgotlholo e tona, kitlano ya ditlhaa, sehuba sa monganganyego, mohikela, go swa mhama, letlhatso le letshololo.

“Go botlhokwa go fa bana kalafi ya thibelo malwetse mo dingwageng tse di ko tlase segolo jang mo nakong eno e puso e e ikaelelang go fedisa bolwetse ja go swa mohama lefatshe leno ka bophara,” a tlhalosa jalo goya pele. 

O tsweletse a kaya fa gole botlhokwa go isa bana dikokelong go fiwa mekento ka nako, a tlatsa ka gore bontsi ja mafatshe a a tlhabologileng a kanoka gore a motho a alafetswe malwetse otlhe ka nako e e beilweng fa a sale monneye.

Rre Matlhadisa o kgadile batsadi ba ba tlodisang bana mekento are go dira jalo ga go a siama, a tswelela ka go kgotlhasa batsadi go tsaya boikarabelo ja go isa bana ba bone ko go ba bongaka ka ba na le tshwanelo ya bongaka le go itekanela.

Modiri mo lephateng la botsogo, Rre Thato Mailane, o tlhalositse fa bana ba ba nang le botsogo jo bontle ba dira sentle mo dithutong ka ba na le seriti e bile ba tshameka sentle ka bana le maatla.

A re mo dikoleng bana ba na le karata ya sekole ya botsogo e e nang le maina a ngwana, mekento e a e filweng, ditlhatlhobo tsa makoa,boleng jwa mmele, dijo tse di jewang,itekanelo ya tlhaloganyo, legano, matlho le tse dingwe.  Rre Mailane a re lenaneo la botsogo jwa bana kwa dikoleng ga le bereke sentle kwa Palapye ka go sa nna teng ga maphata mangwe a a dirang gore le bereke.

O solofeditse go dira ka natla gore lenaneo leo le ntshe maduo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 27 Mar 2019