Boikokobetso bopelotelele seikokotlelo sa bogosi
27 Mar 2019
Kgosi Kgabosetso Mosielele wa Moshupa o tlhalositse fa boikokobetso le bopelotelele e le magata mmogo mo bogosing.
O buile seo fa go tlhongwa kgosi wa tetlanyo, Rre Diseko Banyatsang, wa kgotla ya Marannye kwa Moshupa bosheng.
E rile Kgosi Mosielele a baya Kgosi Banyatsang lefoko pele, a mo rotloetsa go tsamaisa tiro ya gagwe ka mowa wa boineelo le lerato ka jaana tsela ya bogosi e le ee mitlwa.
“O seka wa bo wa fa ditshele, ditshebo le ditlontlokwane tsa morafe sebaka sa go tsena mo tirong ya gago lecmo go tseeng ditshweetso tse di maleba jaaka moletlanyi, tse tsotlhe ke baba ba bogosi. Go di fa sebaka go ka go tlhokisa boikarabelo mme wa iphitlhela o le mo matswakabeleng a botshelo,” Kgosi Mosielele o ne a tlhalosa.
O ne gape a gakolola Rre Banyatsang go ntsha modimo botshabelo jwa gagwe, a tlhalosa fa gole gantsi bangwe ba tshabelelwa ke go supa le go leba magosi ka leitlho le le ntshotsho tebang le gore ditshwetso tsa lekgotla di bo di ba baya ka fa mosing le ntswa di le maleba.
A re ka jalo kgosi o tshabelelwa ke go bitswa maina a bo a fetolwe maba ke bao ba amaegang, mme fela a mo gakolola go ikanya thapelo.
Kgosi Mosielele a re le fa diemo dingwe di ka mo gogomosa maikutlo, fela a itse gore thipa e sega molweetsi wa yone, ka jalo a nne bonolo le boikokobetso ka dinako tsotlhe go itsa go dirisa maikutlo a a sa welang mo tirong.
E rile a itebaganya le morafe a ba lebogela go sala morago tsamaiso ya neelano ya bogosi.
A re bogosi bo a dibelwa le go ilelwa ka jalo fa go tlhophiwa kgosi, pele dikgang tsa bogosi di buelwa pele mo ntlong, e re morago kgang e tswele kwa ntle go itsisiwe ba ba maleba kwa godimo.
O tlhalositse fa tsamaiso eo e salwa morago fela jalo go boela tlase gore go dirwe tumalano ka yo o maleba yo morafe o mo itlhophetseng go fitlhelwa a bo a tlhomiwa.
A re eo ke tsela ya go dibela le go ilela bogosi.
O tlhagisitse morafe go itse gore molaa kgosi wa bo a e itaela, ka jalo a lopa morafe go dirisana le Rre Banyatsang ka tshiamo.
E ne yare fa a tswa la gagwe motshwarelela bogosi jwa bakgatla Kgosi Oscar Mosieelele a iteela kobo moroko mo mafokong a ga mogolowe Kgosi Kgabosetso Mosielele tebang le neelano ya bogosi.
O lebogile banni ba kgotlana ya Marannye a re seo se fa bogosi seriti le tlotla e e maleba.
A re go le gantsi gona le gore bangwe ba nyatse magosi le ntswa morafe e le one o ba romileng. O tsweletse a re sedibeng go iwa ka tsela, ka jalo a gakolola morafe go itse gore dikgang dipe fela tsa tetlanyo di simolola kwa makgotlaneng a bone pele ga di kaya go goroga kwa lekgotleng le legolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopadile
Location : Moshupa
Event : Tlhomo ya kgosi ya tetlanyo
Date : 27 Mar 2019




