Ba rotloediwa go lema dinawa
26 Mar 2019
Balemi ba rotloeditswe go tsaya tsia dikgakololo tsa balemisi mabapi le go lema dijwalo tse di emelanang le seemo sa loapi.
Kgakololo e dule ka molemisi wa Gakuto kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Gabaoitse Tiroyaone, kwa bokopanong jwa gagwe jwa beke le beke le balemi.
Bokopano jo bo tshwarelwa kwa masimong a Letlhakane gaufi le Gakuto.
Mme Tiroyaone a re maikaelelo ke go atumela balemi gore thuto e amuwe ka bophara.
Balemi ba rutwa go inaakanya le methale ya segompieno ya temo.
Mme Tiroyaone a re kwa tshimong ee dirisiwang go ruta, ba lema dinawa mme ba pitikolole mmu.
Ba o ngapa fela fa ba yang go tsenya peo teng. A re mangapo ao a tshwara metsi lebakanyana.
Molemisi a re ba tlaleletsa dijwalo monontshane ka matlhare jalo ke sone se di nnang ditala ntswa go le letsatsi.
A re se ba se dirang mo temong e ba e lemileng se dirwa ke maloko mo masimong a bone go netefatsa fa thuto e e bereka.
Mme Tiroyaone a re ba lemile dinawa ka jaana ba tebo loapi ba ne ba tlhalositse fa selekanyo sa pula se tsile go nna boutsana.
A re sika loo nawa le kgona go emelana le seemo seo.
Lebaka le lengwe le ba neng ba e lebile ke gore dinawa di tsenya madi a mantsi fa di rekisiwa.
O bile a bolela fa dinawa di robiwa morago ga kgwedi tse tharo e bile nawa e sa tshwenngwe ke diji gape bareki ba e rata.
Mme Tiroyaone a re temo ya tshomarelo bokgola e batla go kabakanngwa dijwalo ngwaga le ngwaga.
O file sekai sa gore fa o lemile dinawa teng ga re o leme se e seng sika la dinawa ngwaga o o lateleng.
A re se se dira gore menontshane e e tserweng ke dinawa e busediwe ke sejalo se sele.
“Re rotloetsa balemi go tlhatlhoba mmu gore ba tle ba itse gore go tlhaela kotla efe mme ba e reke,” a tlhalosa jalo.
Ofisi ya selemisi e ne gape e ruta balemi go isa mmu kwa matlhatlhobelong kwa Sebele.
O gakolotse balemi gore ba itlwaetse go tlhagola ka jaana mohero o ja menontshane e kabong e ya kwa dijwalong tsa bone.
A re thotloetso ke gore fa ba sena go roba, ba tsee karolo nngwe ya letlhaka ba e sile ba bo ba e fa leruo fa e nngwe ba e tlogela mo tshimong go lwantsha diji le go busetsa manyoro a tlholego mo mmung.
Mongwe wa balemi, Mme Sone Joseph, a re fa e sa le ba inaakanya le sekolo se, temo ya gagwe e tokafetse thata.
A re go lema dinawa go mo tswela mosola thata.
O boletse fa a lema hekere tse tlhano tsa dinawa fa a kgonne mme a kile a boelwa ke dikgetsi tsa 50 kg di le masome a matlhano le bobedi mo ngwageng mongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : Letlhakane
Event : Bokopano
Date : 26 Mar 2019




