Marekisetso a tlaa nonotsha dikgwebo tse dipotlana
26 Mar 2019
Komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana ya borwa kwa Letlhakeng ya re e na le tsholofelo ya kgolo ya dikgwebo tse di potlana.
Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Bontle Keikantseng o tlhalositse fa ba solofetse gore kago ya marekisetso e wediwe mo kgweding eno mme se, se tlaa rotloetsa dikgwebo tse di potlana.
O supile fa kago ya marekisetso ao e lopile P700 000 ele bontlha bongwe jwa P10 million wa lenaneo la go tlhabolola dikgaolo.
O ne a tlhalosa fa bagwebi ba ba botlana ba ya go nna le sebaka sa go rekisetsa dijo mo lefelong le le babalesegileng fa bareki ba tlaa kgotsofalelang bophepha jwa dijo tse ba tlaa bong ba di reka.
Mme Keikantseng o ne a tlhalosa fa bagwebi ba ba botlana ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go dira dikgwebo tsa go apaya dijo, ba ya go nna le sebaka sa go ikopela go hirisa mo dikagong tseo.
A re ba solofetse go agelwa lefelo la itloso bodutu la madi a fetang P1 million.
A re ba santse ba letetse go fiwa setlankana ke ba lekgotlana la kabo ditsha le go fiwa tletla ya go gokelelwa metsi.
O supile fa go agiwa ga lefelo leo mo motseng go ya go tswela banana le bagolo mosola ka go thusa go tlhama ditiro.
Mme Keikantseng o ne a fa sekai sa gore mabutswa-pele a ka thusa mo dithutong tsa ngwao kwa lefelong la itloso bodutu, mme ba kgona go bona madi a go itshetsa.
A re ba bangwe jaaka ba ba nang le talente mo bodiragatsing jaaka poko le mmino wa setso le bone ba ka dirisa dikitso tsa bone go itshetsa ka gangwe le gape go tla nna le maitiso aa farologanyeng.
Mme Keikantseng o ne a supa fa khansele e ba tlhaloseditse fa borakonteraka ba setse ba tsentse dikopo tsa go di dira ditiro tsa conference centre le ntlo ya borutelo ya baithuti ba ba-na-le bogole kwa sekoleng se sebotlana sa Gothibamang.
O ne a tlhalosa fa motse o fiwa palo ya go hira batho ba le masome a ferabongwe le botlhano mo lenaneong la Ipelegeng, mme palo eo e tlhaelela kgakala, a tlatsa ka gore ba eletsa go okelediwa dipalo gore ba kgone go fitlhelela seelo sa batho ba ba tlhokang ditiro.
Mme Keikantseng o tlhalositse fa komiti e na le matlo a boroko a le masome a mabedi a ba a hirisetsang badirelapuso bangwe go itirela madi.
A re mo ngwageng oo fetileng, khansele e ne ya ba agela matlo a le mabedi go thusa bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re ba ne gape ba kgona go aga ntlwana ya boitiketso kwa mabitleng a kgotla ya Modimo, ga mmogo le go ntshafatsa ntlwana ya boitiketso kwa kgotleng ya Moiphisi.
Modulasetilo a re ba eletsa go ka direlwa tsela e yang ko kgotleng ya Ralebakeng ka ditena, a supa fa bana ba sekolo ba ba nnang mo kgaolwaneng eo ba sokola thata ka nako tsa dipula ka tsela ya teng e sa tsamaege.
O bile a supa fa beng ba dipalamo tsa setshaba le bone ba sa batle go tsamaela teng mme seo se pateletsa banni go duela madi a P25.00 a special.
Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre Paper Dikwata o ne a tlhalosa fa motse o setse o godile, o na le dikgaolwane tse dintsi, mme o sena le fa ele banka ele nngwe.
Rre Dikwata o ne a ngongorega ka metsi a ba a nowang mo motseng oo, a re go supafala fa a sa tlhatswiwe.
A re ba eletsa go ka agelwa lefelo la metshameko le le ka thusang go ribolola talente e e teng mo kgaolong ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 26 Mar 2019




