Breaking News

Dikotsi tsa tsela di oketsegile

26 Mar 2019

Mookamela mapodisi a pharakano kwa kgaolong ya Lobatse, Assistant Commissioner Omphemetse Mashiqa, a re dikotsi tsa tsela mo Botswana di oketsegile ka palo ya botlhano mo lekgolong.

Fa a bua morago ga mogwanto wa go tsibosa setshaba ka dikotsi tsa tsela kwa Lobatse bosheng, Rre Mashiqa o boletse fa dipatlisiso di supa fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke dilo tse di ka laolwang jaaka go tabogisa koloi ka lebelo le le feteletseng, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le go tlhoka go obamela matshwao a tsela.

O tlhalositse fa go tlhoka boikarabelo ga bakgweetsi go gakatsa dikotsi tsa tsela mo go felelang go koafatsa le go gapa matshelo a batho. 

A re banana ke bone ba amegang thata mo bontsing jwa dikotsi. Ka jalo o kopile banana go nna le boikarabelo fa ba kgweetsa dikoloi.

O supile matshwenyego ka go bo bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ne ba seyo kwa mogwantong go itseela ka tsebe molaetsa wa go hema dikotsi.

Rre Onkabetse Petlwana go tswa kwa lekalaneng le le thusang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) o tlhalositse fa go golafala le go latlhegelwa ke matshelo mo go bakwang ke dikotsi tsa tsela go ama itsholelo.

A re fa motho a tlhokafetse a ne a bereka mme e bile e ne e le motlhokomedi wa ba lelwapa, lekalana la MVA le thusa go tlamela ba a neng a ba tlhokomela.

Rre Petlwana a re go a tshwenya go bona bangwe ba batlhokomedi ba bana ba ba latlhegetsweng ke batsadi mo dikotsing tsa tsela ba itirisetsa madi a bana ba go nna jalo.

Mothusa kgosi kwa Peleng, Kgosi Modise Senyerelo, o kopile setshaba gore jaaka go tsenwa mo malatsing a boitapoloso a papolo ya Morena, ba tseye molaetsa wa ipabalelo tseleng mme ba o kgaogane le ba bangwe.

Baruti ba dikereke tse di farologaneng kwa Lobatse ba ne ba rapela gore dikotsi tsa tsela di fokotsege, ga mmogo le tiriso ya nnotagi le maikutlo a a sa iketlang. 

Mogwanto o ne o tsenwe ke lekgotla la baruti, mapodisi, lekgotla la BOCAIP, MVA, le ba lekalana la ipabalelo tseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Mogwanto

Date : 26 Mar 2019