Breaking News

Kgosi Tshukudu o lela ka seemo sa tsela

26 Mar 2019

Kgosi Robert Tshukudu wa Malotwana ga a jesiwe diwelang ke seemo sa tsela kwa motseng oo. 

O kaile fa seemo sa tsela e se sa kgatlhe gotlhelele . 

Kgosi Tshukudu o boletse mo potsolotsong fa seemo sa tsela eo se dira gore matshelo a batho a nne mo diphatseng le gone go senya dikoloi.

“Tsela e ga e a siamela batho ba basha mo motseng ka go bo ba sa itse seemo sa yone mme go bake dikotsi”, a tlhalosa jalo. 

O tsweletse a tlhalosa fa a ikuetse kwa bagolwaneng ka seemo sa tsela e, mme ga go na tharabolo. 

A re o ne gape a ikopanya le khansele go gopa tsela ka fa thoko ga yone, ka e ne e setse e babalela dikoloi.

Kgosi a re o ka itumela thata fa go ka tsewa kgato ka seemo sa tsela e, ka ke yone e gokaganyang Malotwana le metse e e mabapi.

 A re nngwe ya botlhokwa jwa tsela e ke go tlisa babeeletsi mo motseng, mme se se dire gore banana ba kgone go bona ditiro.

O ne a tlhalosa gore tsela e e botlhokwa ka e thusa go tlisa ditlhabololo le go bapatsa mantlenyane a motse oo. 

Kgosi Tshukudu o ne a supa gape fa ditlhabololo tse dingwe mo motseng di santse di saletse kwa morago. 

A re dingwe tsa ditlhabololo tse di diriwang ka madi a dikgaolwana tsa botlhophi di santse di saletse kwa morago. 

Kgosi Tshukudu a re ditlhabololo tse di akaretsang moalo wa ditena le mesele ya kgopo ya metsi a a leswe di saletse kwa morago. 

A re tiego ya ditiro tse e dirwa ke botlhoki jwa di dirisiwa tse di tlhokafalang go wetsa tiro eo mme o solofela fa e tla wela mo bo gaufing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : Malotwane

Event : Potsolotso

Date : 26 Mar 2019