Breaking News

Kgotla ya Masugankwe e atla kgosana

25 Mar 2019

Kgosi Lawrence Mhaladi o roletse banni ba kgotla ya Masugankwe kwa Molepolole leina la motho yo o tsileng go ba etelela pele ebong Kgosi Mesia Rankokwane. 

A re mo ngwageng o o fetileng ba bogosi ba ne ba tlhalosetsa morafe gore mo ngwageng ono ba tlaa nna le diphatlha tsa bogosana ka jaana motse o gola.

O boletse fa kgotla ya Ratlhomelang e ne ele tona mme banni ba ne ba sokola go ya go batla ditirelo ke sone se e kgaogantsweng. 

Kgosi Mhaladi o tlhalositse fa morafe o ne wa tsaya tshwetso ya go itlhophela kgosi.

Kgosi Rankokwane o ne a gakololwa go tlotla morafe .

“O seka wa tsena mafelo mangwe a a ka dirang batho gore ba simolole go go leba ka leitlho le e seng lone mme ba nyatse seriti le boleng jwa gago. O nne sekao mo bananeng,” Kgosi Mhaladi a gakolola jalo. 

Batsadi, borrangwane le boralekgotla ba ne ba kopiwa go gakolola le go kaela kgosi ngwao ya Sekwena mme ba ikgaphe mo go mo latlheleleng ba re o a duelwa. 

Kgosi Mhaladi o bile a kaya fa Kgosi Rankokwane a tshwanetse go tlotla a bo a utlwane le bogogi jwa sepolotiki jo bo welang mo kgotleng ya gagwe gore go nne le neelano mo go bueleleng kgotla. 

Banni ba Masugankwe ba kopilwe go amogela ditshwetso tse kgosi ya bone a tsileng go di tsaa le gore ba ikagele leobo ba seka ba re ba emela thuso ya khansele. 

Ralekgotla, Rre Morati Mantsima o supile fa ba na le tshepo ya gore Kgosi Rankokwane ga ana go tsoga a ba swabisitse.

O tlhalositse fa a setse a bone gore kgosi o kgatlhegela bokamoso jwa bana ka jaana a inaakantse le lenaneo ka ga Kgosi Kgari Sechele III la go lwantsha botlhoka tsebe mo dikolong. 

Rrangwaneagwe Kgosi Rankokwane o kopile gore morafe o tlotle kgosi a ba a eleletsa kgosi le morafe wa gagwe ditshegofatso.

O mo kopile gore a seka a latela ditsheko kwa malapeng mme bangongori e nne bone ba tlang mo kgotleng go iletsa dibelebejane. 

Mo go tse dingwe, banni ba boletse fa ba bone lefelo le go tlaa dirwang kgotla mo go lone mme ba ya go ikopanya le ba kabo ditsha mo bogaufing. 

Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Rankokwane o ne a leboga a bo a amogela thomo.

O ile a solofetsa fa a tla etelela pele ka thata ya Modimo. 

O supile fa thomo ya gagwe ya ntlha e le go ikopanya le lephata la kabo ditsha go latedisa dikopo tsa lefatshe. 

O kopile morafe go kgalemela batho ba ba tshololelang matlakala kwa kgotleng ya bone le baba epang konkoreite ka jaana e le borukutlhi go dira jalo. 

Banni ba bile ba gakololwa gore ba itlwaetse go tshwara diphitlho fitlha mo mosong. 

Ba gakolotswe fa go tsenya dibui tse dintsi go felela go dira gore batho bangwe ba itsapele go ba ema nokeng ka jaana ditiro tsa bone di ema.

O bile a kopa gore setso se tshegediwe mmu o nne ko pele ga lebitla e seng gongwe le gongwe. 

Tiro e e ne e tsenwe ke dikgosana tsa dikgotla tse di farologaneng, mopalamente wa pele wa Mmopane/Lentsweletau Major General Moeng Pheto, mokhanselara Rre Otto Keipeile le Kgosi Basiamang Garebakwena magareng ga ba bangwe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : Molepolole

Event : Bokopano

Date : 25 Mar 2019