Banni ba Boswelatlou ba lela ka borukutlhi
25 Mar 2019
Banni ba Boswelatlou kwa Lobatse ba ntshitse matshwenyego mabapi le borukhutlhi jo bo ileng magoletsa kwa kgaolwaneng ya bone.
Fa a buisa phuthego ya twantsho borukutlhi kwa kgotleng eo bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana eo, Rre Kabo Matlhwane o tlhalositse fa dirukutlhi di iphitlha mo mantlong a a matlotla mme morago di senyetse batho.
Rre Matlhwane a re lekgotla la ditlhabololo tsa kgaolwana le ikaelela go bua le khansele ya toropo ya Lobatse gore e ba letlelele go dirisa matlo a go nna jalo e le bonno jwa batho kgotsa di ofisi.
O rotloeditse banni ba kgaolwana ya Boswelatlou go nna le botsalano le gone go itsanye gore fa yo mongwe a seyo a kgone go itsese yo mongwe.
A re se se ka dira gore motho fa a na le mathata ba bangwe ba kgone go itse le go mo thusa. A re ba ikaelela go nna ba kopana gangwe le gape go leka go amogana megopolo ya go lwantsha borukutlhi.
E rile a ntsha la gagwe Rre Charles Ntema wa sepodisi sa Botswana mo kgaolwaneng ya Woodhall, a tlhalosa fa e rile ngwaga o o fetileng ka malatsi a botsalo jwa Morena banni ba Boswelatlou ba thapa badisa dikago go ba tlhokomelela dithoto ba sa ntse ba ile magaeng. A re ka jalo go ne ga se ka ga nna le dikgetsi tsa borukutlhi ka malatsi ao.
A re le fa go ntse jalo o ne a amogela molaetsa wa gore go nnile le magodu a a neng a tlhasetse batho bosheng. A re banni ba tshwanetse go tlhokomelelana ba seka ba nna fela ba itswaletse mo mantlong a bone ba sa itsanye.
Rre Ntema a re e le ba sepodise maikaelelo a bone ke go tlhokomela sechaba kgatlhanong le borukutlhi, ka jalo ba se ka ba ipona tsapa go ba bolelela ka seemo sepe fela se se ka tswang se ba tlhobaetsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : Lobatse
Event : Phuthego
Date : 25 Mar 2019




