Ba tsweletse ka go dirisa mabitla a magologolo
25 Mar 2019
Makhanselera a kgaolo ya Borwa a lela ka banni bangwe ba Kanye ba tsweletseng ka go dirisa mabitla a magologolo a a setseng a tletse.
Makhaselara a buile jalo fa a kgwa dikgaba modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso, dikgaba kwa bokopanong jwa khansele bosheng.
Mokhanselara wa Kgosing, Rre Mosekisi Ranngobana, a re batho ga ba fitlhe kwa mabitleng a masha ka gore go matlapa.
A re fa se sa tsibogelwe, setshaba se tlaa tswelela ka go dirisa mabitla a magologolo.
Rre Seametso o ne a supa fa ka nnete lefelo leo le sa siamela go nna la mabitla ka le le matlapa.
Le fa go ntse jalo, a re o setse a kile a lebisa lekgotla la kabo ditsha le ba tshekatsheko ya lefatshe kgang eo, le gore ba tseye lefelo leo, mme ba bo ba ba batlela le sele.
Mo go tse dingwe, Mokhanselara wa Mabule/Sekhutlane, Rre Moses Semang, a re mantlwana a boitiketso a sekolo se sebotlana sa Mabule a onetse ebile a a wela, seemo se a reng se diphatsa mo botsogong jwa bana.
Mokhanselara wa Segwagwa, Rre Mogorosi Naolakgosi, ene o ne a supa fa palo ya bana ba sekolo se sebotlana sa Segwagwa e fetile palo ya matlwana a boitiketso a sone.
Rre Seametso o ne a gakolola makhanselera go botsa khansele gore ya reng ka seemo sa mantlwana a boitiketso a mafuti a a mo dikolong tse dipotlana ka a sa siamela bana le botsogo jwa bone.
Mokhaselara wa Good Hope, Rre Ogopotse Modibedi, a re le ntswa sekolo se sebotlana sa Good Hope se ne sa direlwa ntlwana ya thuto ya ba-na-le bogole, ga gona ditsompelo tse di lebaneng go ba rutuntsha.
E re go ntse jalo, Rre Modibedi o ne a leboga lephata la thuto go tswa kwa moding go bo le epile didiba kwa sekolong se segolwane sa Good Hope tse di se nosang.
Fa a latlhela la gagwe, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Ketlhogile Keipele, o boletse fa batho ba ba agang ka lenaneo la SHAA la Turn Key ba tsaya lobaka go duela, mme seo se dire melala.
Mme le fa go ntse jalo, o ne a supa gore batho ba bangwe ba ne ba tla ba ipobola gore ka ga ba kgone go duela, khansele e tseye matlo a bone e a hirise gore e kgone go tsaya madi a yone.
Le fa go ntse jalo, Rre Keipeile a re khansele e ne ya supa fa e sa kake ya agela motho ntlo ka lebaka la gore ga a na boroko, mme morage e e tseye.
Mookamedi wa ditogamaano tsa kgaolo ya Borwa, Rre Tlhabologo Balesamang, o ne a supa gore fa khansele e sena go agela motho ntlo, e neela mong wa yone, mme go tswa mo go mong wa yone gore o batla go e dirisa jang.
Rre Balesamang o ne a tlhalosa gore fa motho a batla go hirisetsa khansele go na le ditshetlana tse ba di lebelelang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Mphoyaone Mothibi
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 25 Mar 2019




