Breaking News

Go ikgatholosa ngwana ke molato o o motona

24 Mar 2019

 Mmaboipelego wa khansele ya Lobatse, Mme Mpho Keikopele, a re go ikgatholosa ngwana ke molato o motho a ka o isediwang kwa kgolegelong.

O buile se kwa phuthegong ya bo mmaboipelego le batlhokomedi ba bana ba ba ka fa tlase ga tlhokomelo ya bo mmaboipelego, e e neng e tshwaretswe kwa Lobatse bosheng.

Mme Keikopele a re go ikgatholosa ngwana go mefuta e e farologaneng. A re batsadi ba ngwana ba kgona go mo phuaganya le ba masika ba sa mo tlhokomele. 

A re fa go ntse jalo yo o setseng le ngwana o na le tshwanelo ya go itshwaraganya le mapodisi le ba boipelego. 

A re motsadi yo o phuagantseng ngwana fa a bonwa molato o ka atlholwa madi aa kanang ka dikete tse tlhano tsa dipula kgotsa kgolegelo.

A re tlhokomelo ya ngwana ga e reye fela go mo rekela diaparo le dijo le go mo fa bonno mme gape e raya go mo fa kaelo le maele a botshelo. 

Mme Keikopele o kaile fa motsadi a na le boikarabelo jwa go sireletsa ngwana a tlatsa ka gore go berekisa ngwana ditiro tse di bokete ga se selo se se letlelesegang mo molaong.

A re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya thuto. 

Mme Gadifele Sebitla, yo le ene e leng mmaboipelego, o boletse fa batsadi ba ba sa tlholeng ba le mmogo ba tshwanetse go dira tumalano ya mokwalo gore ba ya go tlhokomela ngwana jang mme e re ba sena go dira mokwalo ba o ise kwa go mmaboipelego.

A re mmaboipelego o tla a bo a isa pego kwa ofising ya ga mmakaseterata mme batsadi ka bobedi ba tla a bo ba tlamega go sala tumalano eo morago e akaretsang malatsi le dinako tse ngwana a ka yang kwa motsading yo mongwe ka tsone.

Mme Sebitla o kaile gape go re fa ngwana a le dingwaga tse di lesome o na le tshwanelo ya go ipuelela gore o batla go etela motsadi o mongwe leng, a tlatsa ka gore go dumelwa gore ngwana yo o kalo o a bo a setse a kgona go tlhaloganya dilo ka bontsi.

Mongwe wa batsena phutego eo, Rre Joseph Legodile o tlhalositse fa a tshwenngwa ke bo mme ba e reng ba tsena mo nyalong kgotsa mo loratong le lesha ba bo ba tsaya bana ba ba fitlhetsweng ka bone ka letsogo la molema. 

A re bo mme ba go nna jalo ba ikgatolosa bana ba leka go itumedisa balekane ba bone ba basha e le tsela ya go tiisa lorato la bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : Lotsane

Event : Phuthego

Date : 24 Mar 2019