Breaking News

Banana ba gwetlhiwa go itshekatsheka

24 Mar 2019

Baithuti ba dikolo tsa ithutelo tiro ya diatla tsa Madiba le Mahalapye ba rotloeditswe go ema ka dinao go lwantsha HIV le AIDS.

Kgakololo eo e ntshitswe ke monana yo o tshelang ka mogare was HIV, Mme Boitshepo Rise kwa Mahalapye ka Mopitlo a tlhola masome a mabedi le bobedi fa baithuti ba dikolo tseo ba rulagantse mogwanto go gasa molaetsa oo rotloetsang banana go fedisa mogare o. 

Mme Rise a re banana ba tshwanetse go emisa go nna maoto a tshupa go itlhatlhoba mme ba nne le boikarabelo mo botsogong jwa bone.

A re le fa dipalo tse di tswang mo makalaneng a botsogo di supa fa banana ba amilwe ke HIV ka dipalo tse di kwa godimo, go ngomola pelo go bona ba itirile bo ga di nkame mme ba ngosela mo go lwantsheng HIV le AIDS.

Le fa go ntse jalo, Mme Rise a re o tshwenngwa ke go bona ba ba buileng phatlhalatsa gore ba tshela ka mogare wa HIV ba tsweletse ka go kgethololwa. 

A re seemo seo se tshabisa banana go itlhatlhoba le ba ba itseng seemo sa bone ba felele ba tshaba go ikatumetsa ditlamelo tsa botsogo.

Mme Rise o ne a gwetlha banana go thanya mo maibing a tsietsi tsa botshelo le go tsepama mo go tsotlhe tse di tlaa thusang go lwantsha le go fapoga mogare wa HIV.

O supile fa sengwe sa botlhokwa e le go re banana ba reetse thata molao wa batsadi, go fokotsa nnotagi le tsotlhe tse di ka ba gogelang mo tseleng tsa tshokamo.

O rotloeditse banana go amogela gore botshelo bo na le dikgwetlho ka jalo ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go emela matshelo a bone ka dinao.

Mme Rise o tsweletse a kopa banana go amogela ba ba tshelang ka HIV gore ba seka ba itlhoboga mme ba felele ba tsaya tshwetso tse di duleng mo tseleng.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba ba nang le mogare wa HIV ba sidilwe maikutlo go fokotsa kutlobotlhoko le go itlhoboga mo botshelong.

Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Mahalapye, Mme Masego Motswiri, a re o tshwenngwa ke go bona dipalo tsa banana ba ba tsenwang ke mogare wa HIV di tsweletse ka go gola.

Ka jalo, Mme Motswiri a re go botlhokwa gore banana ba dirise ditlamelo tse di thusang go thibela kanamo ya HIV.

O gateletse botlhokwa jwa go itlhatlhobela mogare wa HIV. 

Mme Motswiri a re go dirisa ditagi, nnotagi le go tlhoka go nna kelelelo ga banana go ka dira gore maiteko a a dirwang ke puso go lwantsha HIV le bolwetse jwa AIDS a folotse. 

A re o tshwenngwa ke gore banana bangwe ba ba imileng mme ba na le mogare wa HIV, ba sa ikwadise ka jalo ba felele ba sa dirise lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng le le iseng le tsholwe la PMTCT.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Mogwanto

Date : 24 Mar 2019