Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba kgothadiwa go nna podi matseba
24 Mar 2019
Mapodisi le lephata la ipabalelo tseleng kwa Tsabong ba rotloeditse bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba go sala morago melao ya tsela go hema dikotsi.
E rile a buisa bokopano bosheng, mogolwane wa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Tawana Babili a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tshwenngwa ke dingongorego ka go tlhoka go salwa morago ga melao ke bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba.
O ne a gakolola gore go pega setshaba ke kgwebo ka jalo beng ba dikgwebo tse ba tshwanetse go netefatsa gore setshaba se babalesegile .
Rre Babili a re go lemosegile fa magodu a dirisa dipalamo tsa setshaba go utswa le go sia, mme a gakolola setshaba gore fa ba lemoga seemo se se belaetsang, ba itsise mapodisi.
O tsweletse a kgothatsa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba go nna phepa le go phepafatsa dikoloi tsa bone go babalela botsogo jwa batho.
Rre Babili a re dikoloi dingwe di dirisa dithaere tse di fedileng, selo se a reng se oketsa kgonagalo ya dikotsi.
Rre Babili a re lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le lemogile fa batho bangwe ba kopa diteseletso tsa ditaxi, mme go tsweng foo ba di rekisetse ba bangwe.
“Seemo se ga se letlelesege ebile ga se kafa molaong, ope o ka fitlhelwang a dira jalo o tla tseelwa dikgato tse di gagametseng,” ga bua jalo Rre Babili.
O bile gape a rotloetsa bakgweetsi go bala le go tlhaloganya melao ya dipalamo.
Fa a latlhela tlhware logongnyana, modulasetilo wa komiti ya bakgweetsi ba dipalalamo tsa setshaba, Rre Mooketsi Sephiri a re bone ba ngongoga ka dikoloi dingwe tse di senang teseletso, mme di pega batho.
A re seemo seo se ba itsa go bona dipoelo le ntswa ba leka go dira se se mo molaong wa tsela.
O tsweletse gape a supa bakgweetsi bangwe ka ene ka monwana a re ba itlhokomolosa dinako tse di beilweng tse ba tshwanetseng go emelela ka tsone.
Rre Sephiri o supile gore go sa tsamaeng ka nako go baka tiego mo go ba ba tlang kwa morago, ga mmogo le ketsaetsego mo setshabeng mme a kopa ba ba lebaneng go tsibogela seemo ka bonako.
Rre Lyon Nthebolang, yo eleng mogolwane kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, ene o kgothaditse bakgweetsi bao go nna seopo sengwe fa ba tla ka megopolo.
O tsweletse ka go gatelela molaetsa wa ipabalelo tseleng ka go obamela melao ya tsela.
Pele ga moo o ne a rotloetsa bakgweetsi go dirisa seelo sa dituelo se se beilweng ke ba lephata la gagwe go itsa ketsaetsego mo sechabeng.
Rre Nthebolang o ne a tlatsa ka go rotloetsa bakgweetsi bao go godisa dikgwebo tsa bone ka go obamela melao ya tsela le go netefatsa fa setshaba se babalesegile ka nako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Steven Bock
Location : Tsabong
Event : Bokopano
Date : 24 Mar 2019




