Masisi o kgothatsa magolegwa
24 Mar 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kgothaditse magolegwa a bomme gore a seka a latlhegelwa ke tshepo ka jaana botshelo jwa bone bo sa felela mo kgolegelong.
O buile jalo fa a etetse kgolegelo mo Gaborone bosheng.
Dr Masisi a re bomme ba ka dirisa sebaka sa kwa kgolegelong go ithuta ka mananeo a ba ka a dirisang go itlhabolola.
O ne a ba kgothatsa gore ka tshepo le tsholofelo ba tlaa boela kwa setshabeng e le batho ba ba ikanyegang mme ba amogelesege.
Tautona o ne gape a lekola magolegwa a borre, mme le bone fela jalo a ba kgothatsa.
O ne a ba gakolola gore ba itshware sentle le go nna le maitseo a nametsang.
Dr Masisi o ne gape a ba netefaletsa gore puso ga ya ba lebala ka gore ba mo kgolegelong, mme a re ba dirise sebaka se go itharabologelwa le go ikaga.
Mo go tse dingwe, Dr Masisi o boletse fa puso e itse ebile e lemoga seemo sa dikgolegelo.
A re e lemoga gore dikago di dikgologolo ebile gape go mosuke mo dikgolegelong, mme a re puso ga e a nna moriti o tsididi ka kgang ya teng.
E rile a leboga Tautona, modiri wa kgolegelo Mme Lesego Dijogadifele a re ba itumeletse leeto la ga Tautona ebile a tshepisa gore batla tswelela ba bereka ka bonatla, boikobo le boingotlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Gaborone
Event : Loeto
Date : 24 Mar 2019




