Breaking News

Ba Kazungula ba bifela kgokgontsho ya bomme le bana

21 Mar 2019

Molaodi wa Chobe, Mme Sekgabo Makgosa a re ditlamorago tsa kgokgontsho di ngomola pelo ka di ama botlhe.

E rile a bua ka Labone kwa segopotsong sa One Billion Rising kwa Kazungula, Mme Makgosa a re kgokgontsho e ama mokgokgontshi, motswa setlhabelo, bana le ba masika tota ka go farologana.

O tlhalosa fa mokgokgontshi bogolo jang wa thubetso a latlhegelwa ke tomagano le setshaba ka se mo leba e le phologolo e bile go tswa foo go nna thata gore o ka amogelwa gape ke setshaba le fa a na le maikotlhao e bile a eletsa go tshela le batho.

A re yo o thubeditsweng kwa ntleng ga matsadi o nna le maikutlo a a mo gatelelang e bile fa gongwe a nne le dikakanyo tsa go itseela botshelo mme gape fa gongwe a felele a nna le ngwana yo a sa mo rulaganyetsang. 

Mme Makgosa a re bangwe ba tshelela mo poifong e bile ba felela ba dirisa nnotagi botlhaswa e le go leka go itebatsa matlhotlhapelo a a ba diragaletseng.

A re ba masika a mokgokgontshi bone ba lejwa ke setshaba ka kilo ka e nna ekete ga ba a godisa mokgokgontshi sentle. 

Fa a itebaganya le kgokgontsho ya dititeo, a re yone e babalela bana mo lwapeng. 

A re bana ba ba golelang mo lwapeng lwa kgokgontsho ga se gantsi ba dira sentle kwa sekoleng.

Mme Makgosa a re basimane bone go le gantsi ba felela ba nna bakgokgontshi le bone ka ba godile ba itse gore monna o dirisa dikgoka. 

A re fa gongwe go nna le kilo fa gare ga ngwana wa mosimane le rraagwe ka jaana ngwana a bona ka fa mmaagwe a sa tshedisiweng sentle ka teng.

Molaodi o buile gape kgatlhanong le baratani ba ba nnang mmogo lebaka le leele ba sa nyalane.

A re go tsala kgokgontsho e bile go le gantsi manyalo a bone ga a ke a nnela ruri. 

O rotloeditse baratani go nyalana a bile a re go setse go na le dithulaganyo di tshwana le Re A Nyalana tse ba ka di dirisang go fefosa manyalo a bone.

E ne e rile go le pele Kgosi Morgan Makhanga wa Kazungula a supa fa kgokgontsho e ama botlhe e bile le kwa ditirong e le teng. 

Kgosi Makhanga a re ke boikarabelo jwa botlhe go emisa kgokgontsho ka go tlhomamisa gore bana ba godisiwa sentle.

Mogolwane mo ofising ya bong, Mme Onneile Monna fa a tlhalosa ka letsatsi leo o o ne a re kgaolo ya Chobe ke yone fela mo Botswana e e dirang segopotso seo. 

Segopotso se sa One Billion Rising se tshwarwa ke lefatshe ka bophara kgatlhanong le kgokgontso ya bong. 

A re e re ntswa lefatshe ka bophara mosadi a le mongwe mo go ba ba sedikadike ba kgokgontshitswe, dipalo di supa fa mo Botswana basadi ba le babedi mo go ba bararo ba kgokgontshitswe.

Molomaganyi wa tsa kgokgontsho mo ofising ya mapodisi a Kasane, Constable Kesegofetse Keitumetse o ne re dipalo di supa gore dikgang tsa thubetso di ne tsa gola go tswa mo go tse pedi ka 2017 go ya kwa go tse di lesome le bone ngogola.

A re tsa go ntsha matshosetsi a go bolaya di ne tsa oketsega go tswa mo go e nngwe go ya kwa go tse nne mo dingwageng tseo gape. 

Constable Keitumetse a re tsa go itlhokomolosa taelo ya lekgotla ya go tlhokomela bana di ne tsa oketsega go tswa mo go tse thataro ngwagatlola go ya kwa go tse some ngogola. 

O bile a kopa ba ba kgokgontshitsweng go emisa go tsholola dikgang ka seo se rotloetsa bakgokgontshi go tswelela ba dira melato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : Segopotso sa One Billion Rising

Date : 21 Mar 2019