Breaking News

Go obamela matshwao a tsela go boloka matshelo

21 Mar 2019

Mapodisi ba tshwaragane le lephata la ipabalelo tseleng kwa Tsabong ba rotloeditse bakgweetsi ba dipagamo tsa setshaba go sala morago melao go hema dikotsi le go babalela matshelo a batho.

E rile a buisa bokopano bosheng, mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo  le  ipabalelo tseleng, Rre Tawana Babili  a tlhalosa fa  ofisi ya gagwe e tshwenngwa  ke dingongora  go tswa mo setshabeng gammogo le masepodisi ka go tlhoka go salwa morago ga melao mengwe ke bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba.

O ne a  gakolola phuthego gore go pega setshaba ke kgwebo, ka jalo beng ba dikgwebo tse ba tshwanetse go netefatsa gore setshaba se babalesegile fa se dirisa dipagamo tsa bone.

Rre Babili yo gape e leng motlhatlhobi kwa lephateng leo, a re magodu a dirisa dipagamo tsa setshaba go utswa le go sia, mme a gakolola phuthego gore fa ba lemoga seemo se se belaetsang, ba itsese ofisi ya sepodisi eseng  jalo ba tlaa lejwa jaaka ba-na-le seabe mo borukutlhing jwa go nna jalo.

O tsweletse a kgothatsa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba go nna phepa le go phepafatsa dikoloi tsa bone go babalela botsogo jwa setshaba.

Rre Babili a re dikoloi dingwe di dirisa dithaere tse di onetseng, mo go oketsang kgonagalo ya dikotsi, mme a ba rotloetsa go fetola dithaere tse di onetseng go hema dikotsi.

Rre Babili a re e le ba lephata  la dipalamo le ipabalelo tseleng ba lemogile fa batho bangwe ba kopa diteseletso tsa ditaxi, mme go tsweng foo ba di rekise.

“Seemo se ga se ka fa molaong.

Ope yo o ka fitlhelwang a dira jalo o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng,” ga bua jalo Rre  Babili.

O bile gape a rotloetsa bakgweetsi go bala le go tlhaloganya melao ya dipalamo.

Fa a latlhela tlhware logonnyana, modulasetilo wa komiti ya bakgweetsi ba dipalalamo tsa setshaba, Rre Mooketsi Sephiri a re e le bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba ba ngongorega ka dikoloi tse di senang teseletso, mme di pega batho.

A re seemo seo se ba itsa go bona letseno, ntswa ba leka go dira se se mo molaong wa tsela.

O ne gape a supa bakgweetsi bangwe ka ene ka monwana a re ba itlhokomolosa dinako tse di beilweng tse ba tshwanetseng go  emelela ka tsone.

Rre Sephiri o supile gore  go sa tsamaeng  ka nako go baka tiego mo go ba ba tlang kwa morago, ga mmogo le ketsaetsego mo setshabeng mme a kopa ba ba lebaneng go tsibogela seemo ka bonako.

Rre Lyon Nthebolang, yo e leng mogolwane kwa  lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng ene o kgothaditse bakgweetsi go nna seopo sengwe fa ba tla ka megopolo.

O ne a gatelela molaetsa wa ipabalelo tseleng ka go obamela melao ya tsela.

Pele ga moo o ne a rotloetsa bakgweetsi go dirisa seelo sa dituelo se se beilweng ke ba lephata la gagwe go itsa ketsaetsego mo setshabeng.

Rre Nthebolang  o ne a tlatsa  ka go rotloetsa bakgweetsi go godisa dikgwebo tsa bone ka go obamela melao ya tsela le go netefatsa fa setshaba se babalesegile ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Steven Bock

Location : TSABONG

Event : PUISANO

Date : 21 Mar 2019