Breaking News

Banana ba abetswe ditlankana tsa thuo

20 Mar 2019

Banana ba le lesome le botlhano ba ba ruileng dihutshane ba filwe ditlankana morago ga ya go tsaya malebela ka thuo ya tsone kwa Lobu kwa Kgalagadi ka Hirikgong. 

E rile a ba ema ka lefoko, mogolwane go tswa kwa ofising ya LEA, Mme Wedu Motsumi, a supa fa ofisi ya bone e thusa batho ba ba batlang go simolola dikgwebo le go thusa ba ba setseng ba le mo dikgwebong go di godisa. 

Mme Motsumi o kopile banana bao go tsaya thuo ya dihutshane jaaka kgwebo, a supa fa go dira jalo go ka ba godisa, mme ba kgona go tlhamela ba bangwe ditiro. 

O ba kopile go kwala sengwe le sengwe se se diragalang tsatsi le letsatsi mo dikgwebong tsa bone, gore e re fa ba lekodisa ba ofisi ya banana ba bo ba tsaya mo mokwalong. 

O ba tlhagisitse kgatlhanong le go tabogela go reka dikoloi ka madi a kgwebo ba ise ba atlege, mme ba dire ka bojotlhe go godisa dikgwebo tsa bone le go duela madi a kadimo. 

Mme Motsumi o gakolotse banana go diragatsa tsholofetso ya bone ya go ntsha dipodi tsa palo e ba e dumalaneng ka ngwaga, mme fa ba sa kgone ba kope thuso. 

O ba tlhagisitse go tila mokgwa wa go itsietsa ba rekisa dipodi ba bo ba aja madi a tsone ba sa duela, a bo a ba lemotsha fa se e le go itlhaba ka thipa mpeng. 

O supile fa banana ba sa tswelele ka ntlha ya go tloka go tlhoafala. 

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o supile fa dikhumo di kgobokanngwa motho a sale monana, mme a tla aja maduo a tsone fa a godile. 

O kopile banana go re ba seka ba ipata ka go re dibatana di ba jela dihutshane, a supa fa ene a ne a tswelela fela mo kgaolong e e tletseng dibatana mme a ithuta go tshela le tsone. 

O ba rotloeditse go buisanya ka maranyane go godisa dikgwebo tsa bone le gone go tlhama mokgatlho wa barui gore lentswe la bone le utlwale. 

Mongwe wa banana, Rre Ishmael Gasemotho, o ne a supa fa ba le lesego go nna le tshiamelo ya go ya go ithutuntsha ka leruo le le tlhabolotsweng kwa Kgalagadi. 

O supile fa ba ithutile gore molemo wa leruo o motona ke mong wa lone.

A re gape ba ithutile go ikentela leruo fa mokenti a se yo, le gone go somarela dithoto tsa bone di akaretsa melemo le dijo tsa leruo. 

Mogolwane go tswa ofising ya banana, Mme Felicity Nyoni o ne a kopa banana go tlotla tumalano ya bone ya go duela madi a kadimo.

O tlhalosa fa go tlodisa go duela go tsenya morokotso. 

Mogolwane go tswa kwa ofising ya temo-thuo, Rre Simon Mongale, o tlhalositse fa kgwebo e tshwanetse go itlhokomela pele ga e tlhakomela mong wa yone. 

 

O kopile banana gore fa ngwaga o fela, ba lebe gore ba ka ntsha leruo lefe, mme ba tlogele le le tlaa godisang kgwebo, a bo a ba kopa go sutlha sekoloto gore ba kgone go hema phefo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kaloso

Date : 20 Mar 2019