Monana o kgothatsa ba bangwe go ikwadisetsa ditlhopho
20 Mar 2019
Moemedi wa banana mo komiting ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC), e e bidiwang Party Liaison Committee, Rre Thabo Dimeku o kopile banana ba Palapye go ikwadisetsa ditlhopho gore ba kgone go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba monongwaga.
Rre Dimeku o ntshitse kopo eo mo potsolotsong le BOPA morago ga phuthego ya pitso ya banana e e neng e biditswe ke makgotla a a ikemetseng le bogogi jwa Palapye.
Rre Dimeku yo gape e leng moeteledipele wa lekgotla la banana mo Palapye la The Youth Centre Organisation (TYCO), a re go botlhokwa gore banana ba ikwadisetse ditlhopho, a supa fa go ikwadisetsa ditlhopho go ofa monana mongwe le mongwe sebaka sa go ka tlhopha puso e a eletsang e ka etelela lefatshe pele, gammogo le go tlhopha kemedi ya palamente le khansele.
“Go tlhopha ke lentswe la monana mo pusong ka go bo ka tlhopho monana o ka supa gore ene o batla eng le gore o batla lefatshe le tsamaisiwa jang,” a bua jalo.
A re o itemogetse gore banana ba maoto a tshupa go ikwadisetsa ditlhopho, mme e bile bontsi jwa bone ba sa ikwadisetsa ditlhopho ka mabaka a a farologaneng.
O kaile fa bangwe ba supa fa ba sa ikwadisetse ditlhopho ka gore ga ba ise ba tsee tshwetso ya gore ba ya go tlhopha mang, fa bangwe ba supa fa ba ise ba tsee tshwetso ya go ya go tlhopha.
A re ntswa bangwe banana ba ise ba tsee tshwetso ka go tlhopha, go botlhokwa gore mo nakong ya gompieno ba ikwadise ka go bo mo tsamaong ya nako, ba ka fetola megopolo.
Rre Dimeku a re go botlhokwa go ikwadiseditsa ditlhopho go na le go tla go ikotlhaya fa ba ka nna le keletso ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba ikwadisetso ditlhopho yone e setse e tswaletswe ruri.
A re gantsi banana ba supa fa ba sa fiwe sebaka sa gore ba supe fa ba na le boikarabelo, mme ba palelwe ke go tsaya boikarabelo fa ba fiwa sebaka se tshwana le go ikwadisetsa ditlhopho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 20 Mar 2019




