Breaking News

SEEMO SA BANA SE BUTSOLOGILE

19 Mar 2019

Seemo sa baithuti ba sekole se segolwane sa Lempu ba gore ba robadiwe kwa kokelong ya Scottish Livingstone Memorial kwa Molepolole dibeke tse pedi tse di fetileng ba kgwetlha ditokololo ba simolotse go lwala gape.

 E rile a lekodisa batsadi kwa Salajwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, mogolwane kwa lephateng la thuto, Rre Benson Rauwe, o ne a supa fa bana ba gorogile sentle ka Tshipi morago ga gore sekole se khutlisiwe beke tse pedi go fa bana sebaka sa go alafiwa kwa kokelong le go bewa leitlho kwa malwapeng.

O tlhalositse fa bana ba ne ba gorosiwa ke mokgatlho wa Scripture Union Botswana, mme e rile letsatsi la ntlha bana ba le lesome le bobedi ba simolola go supa dikai tsa bokoa joo.

Rre Rauwe o supile fa e rile mo mosong wa Mosupologo, dipalo tsa bana ba ba lwalang gape tsa oketsega, a tlhalosa fa ba ne ba kopana le barutabana le ba tshidilo maikutlo go tswa ka leano la go thusa bana.

O boletse fa bana ba ba amegileng e le basetsanyana ba le masome a matlhano, a tlhalosa fa e rile ba ntse ba ba sedila maikutlo, sephatlo sa palo eo sa tokafala, mme e rile mo tsamaong ya nako seemo sa boa sa fetoga, bangwe ba bana ba ba neng ba thusitswe ba boa ba lwala gape.

Rre Rauwe o supile fa maikaelelo a bone e le go sidila bana maikutlo beke yotlhe go fitlhelela ka Matlhatso, a supa fa ba batla go bona gore ke eng fa bana ba sidilwa maikutlo ba bo ba tokafala, mme e re morago ba lwale gape.

Fa ba tswa la bone, batsadi ba ne ba supa kakabalo ya gore ke eng dingaka di re bana ba ka tswa ba na le kgatelelo ya maikutlo, mme dikai di le kwa dinokeng le gore ba feretlhwa maikutlo ke eng kwa sekoleng.

Rre Gasebatho Motshegare a re ba lephata la thuto ba ne ba ba solofeditse gore go tlaa bo go phepafaditswe sekole, mme ga go na phetogo epe e ba e bonang.

Bangwe ba supile gore fa ba botsolotsa bana kwa malwapeng, ba ba bolelela polelo e e farologanang le ya sekole, fa bangwe ba ne ba kopa gore ba neelwe bana ba bone ba ba amegileng.

Mookamedi wa lephata la thuto e potlana, Rre Kooletse Ndondo, o ne a lebogela batsadi bopelotelele jo ba nnileng le jone fa ba sena go utlwalela seemo se.

O supile fa e le nnete ba bongaka ba supile fa bana ba sa lwale, mme se se diragalang se ka tswa se bakwa ke ditlhaloganyo tsa bone.

O tlhalositse fa ba bongaka ba supa gore ga go na molemo o ba ka ba thusang ka one, ka jalo ba biditse ba tshidilo maikutlo go tla go thusa, mme gape seemo se ba se beile mo Modimong ka ke ene a itseng tsotlhe.

O tlhalositse fa mo dikoleng go na le mokgatlho wa Scripture Union, mme o ruta bana ka Modimo le go ba tsenya mo tseleng ya tumelo.

Le fa go ntse jalo, o ne a rebola batsadi ba ba batlang go tsaya bana go ba okela kwa malwapeng go dira thulaganyo le mogokgo, le gore fa ba le kwa malwapeng ba nne ba lekodise sekole ka botsogo jwa bone.

O kopile ba ba batlang go lebelela maduo a tshidilo maikutlo go tlogela bana mo sekolong gore ba sidilwe maikutlo.

Rre Ndondo o supile fa keletso ya bone e le gore bana ba ba sa amegang ba tswelele le dithuto, a supa fa ba tlaa itshwaraganya le bogogi jwa metse e e amegang go bona gore ba fenya seemo se jang. O kopile batsadi go nona pelo ka mathe ka jaana tsholofelo le keletso e le go bona seemo se boetse meriting. Bokhutlo.

 

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SALAJWE

Event : phuthego ya batsadi

Date : 19 Mar 2019