Kgosi o tshwerwe ka nama e e belaetsang
19 Mar 2019
Letsholo la sepodisi la KgomoKhumo le tsweletse ka go lwantsha bogodu jwa leruo.
E rile bosheng, letsholo leo la tshegetsa kgosana wa tetlanyo le bana ba gagwe ba babedi ba basimane le mongwe yo go bolelwang a ne a ba rekisetsa kgomo kwa Tshimoyapula, go tlhotlhomisiwa mabapi le go fitlhelwa ka nama ya kgomo e go belaelwang e le ya letimela.
Kgosana yoo, le bana ba babedi e bong Kgosietsile Mmmolayatsie, Thayamodimo Mmolayatsie le yo o neng a ba e rekisetsa e bong Thusego Keobonye ba paletswe ke go tlhalosa kwa ba tsayang nama teng.
Kgomo e go bolelwang e le ya letimela e sale e nna kwa masimong a kgosana a Mongana go simolola ka 2006 e bile e setse e na le marole a le mararo.
Mo potsolotsong le Mothusa Rramapodisi, Assistant Commissioner, Dipheko Motube yo o neng a le teng kwa lefelong la ditiragalo, o boletse fa mapodisi ba lomilwe tsebe ke bangwe mme ba ragogela kwa Tshimoyapula kwa ba fitlhetseng kgomo e builwe e bile dirwe tse dingwe jaaka mogodu le makgwafo ba di golotse ba di kaleditse mo setlhareng.
Assistant Commissioner Motube o tlhalositse fa ba bone fa kgomo eo ba ne ba e gabolola tshipi go senya bosupi mme letlalo ba le epela.
O supile fa ba paletswe ke go tlhalosa motlhala wa kgomo mme e rile mapodise a gatelela mo ditlhotlhomisong, kgosana a ipona molato a bo a dumela gore o dirisitse bana ba gagwe diphoso.
Mongwe wa bana ba gagwe yo mmotlana go bolelwa fa a le mo Tirelo Setshaba mo kgotleng ya Tshimoyapula fa ba bangwe ba sa dire gope.
Assistant commissioner a re ba tlaa tswelela ka go lwantsha bogodu jwa leruo, a tlhalosa fa ba simolotse letsholo kwa kgaolong ya borwa, ba etetse Kgatleng, Mokwena, Bobirwa le Tswapong jaanong ba mo kgaolong ya legare.
A re magodu a leruo a tshwana fela le fa motho a thubile banka a bo a utswa mo teng ka gore kgomo ke yone banka ya Motswana.
O ba rotloeditse go lesa go utswa dikgomo tsa batho tse ba di huhuletseng, segolo ba inaakanye le mananeo a puso go ithusa. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 19 Mar 2019




