Breaking News

Ba kopiwa go kwadisa ditsha

19 Mar 2019

Leloko la khuduthamaga ya lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Kanye, Mme Maduo Osupeng o kopile banni ba Lotlhakane East go kwadisa ditsha tsa bone gore ba di sireletse le go nna le ditlankana.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla, Mme Osupeng oo boletse fa go na le ditsha di le 1 103 mo motseng o tse di sa kwadisiwang.

 A re labofelo ba baya ditsha ke ka 2015 ba baya batho ba ba sa bolong go ikopela ka 2004.

Mme Osupeng a re ba tsweletse ka go kwadisa Batswana ba ba nang le masimo gore le bone ba bone ditlankana. O ne a tlatsa ka go re go na le dikopo tsa ditsha di le 6 811 kwa motseng oo.

A re tiego ya go sega ditsha e dirwa ke mabaka a a farologanyeng jaaka tlhaelo ya madi mme a kopa banni go nna pelotelele.

A re fa motho a na le setsha sa bonno, o tshwanetse a bo a se tlhabolotse mo dingwageng tse tlhano, masimo one tse tharo fa wa kgwebo ene a neelwa ngwaga fela gore le ene abo a tlhabolotse.

Ka jalo o ne a gakolola banni ba ba santseng ba saletse kwa morago go tlhabolola ditsha tsa bone.

Mo go tse dingwe, o ne a bolela fa ba tshwentswe ke bomaipayafela mo metseng ka go farologana, ka jalo a tlhagisa fa yo o fitlhelwang a sa bewa ka fa molaong a tlaa atlholwa P10 000.

Fa ba tswa la bone,  banni ba ne ba ngongoregela gore ba sale ba kwadisitse ditsha tsa bone mme ga ba ise ba neelwe dinomoro tsa bone tsa ditsha.

Ba ne ba ngongoregela gape gore go tsaya lebaka go bona ditsha mme e re ba sena go di neelwa, ba fiwe nako e khutshwane go di tlhabolola, ka jalo ba ne ba kopa puso go sekaseka kgang e.

Mongwe wa banni, Rre Justice Mashana o ne a re o tshwentswe ke matlotla a a tletseng mo motseng.

A re magodu a iphitlha mo teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoloki Mauco

Location : LOTLHAKANE EAST

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Mar 2019