Go itse dingwao tsotlhe go botlhokwa
19 Mar 2019
Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi o kaile fa go le botlhokwa go itse dingwao ka go farologana.
Mo molaetseng wa gagwe wa letsatsi la ngwao la sekole sa ithutelo ditiro sa Ghanzi Brigade bosheng, Kgosi Lekgothu o tlhalositse fa go itse le go tlhaloganya dingwao go ka dira gore merafe e tshele sentle mmogo go sena kgotlhang.
Se a re se ka thusa gore morafe mongwe le mongwe o ikgantshe kgotsa o ipele ka ngwao ya one ka phuthologo.
O ne a supa fa go le botlhokwa gore morafe mongwe le mongwe o diragatse ngwao ya one, a kgala go kopa dingwao tsa ditshaba di sele, mme batho ba sa tlhaloganye motheo wa tsone.
Kgosi Lekgothu o supile fa go tshwantsha dintswantsho mo mebeleng jaaka digagabi e se ngwao ya Batswana, a tlatsa ka go re dintswantsho tseo di na le bokao jo bontsi bo sa bo itseng.
A re batho ba tshwanetse go itse gore mebele ya bone ke ditempele tsa Modimo, ka jalo ba sa tshwanela go e fetola kgotsa go e senya ka tsela epe.
O ne a tswelela ka go tlhalosa gore kapari le yone ke bontlha bongwe jwa ngwao, a supa gore go apara mogagolwane go kgethegile, ka e aparwa ke bomme ba ba lailweng ka fa Setswaneng, a tlatsa ka go re gompeino, mme mongwe le mongwe o kgona go apara tsale fela ka gore o na le madi a go e reka.
Kgosi o ne a tlhalosa gore kgotla ke lefelo le le faphegileng, ka jalo le tshwanetse go tlotlwa ka nako tsotlhe.
O ne a galaletsa sekole seo ka go tsibosa banana ka dingwao tsa lefatshe leno.
Mothusa kgosi wa Ghanzi, Mme Annah Rankho ene o ne a re ntswa ngwao e fetoga le dinako, e ntshwanetse ya nna pinagare ya merafe ka go farologana, e bile ba tshwanetse go ipela ka yone.
A re ka ngwao e bopaganya malwapa, e ka dirisiwa go aga setshaba kgotsa lefatshe.
Mokhanselara wa kgaolo, Rre Bojelo David o ne a rotloetsa banana go gata fa borrabomogolo ba gatileng teng.
A re tshaba ya Botswana e tswa kgakala e itsege ka maitseo.
O ne akgola sekole go dira moletlo wa ngwao.
E rile a amogela baeng, motshwarelala mogokgo wa sekole seo, Rre Serwalo Lesolame a supa fa ba bone go le botlhokwa go boloka bokamoso jwa lefatshe ka go rulaganya moletlo oo.
A re ngwao ya lefatshe e tshwanetse go nna mo dipelong tsa morafe, e bile a supa fa go somarela ngwao go sa tshwanela go kgoreletsa dingwao tse dingwe.
Letsatsi leo le ne la natetshiwa ka metshameko ya ngwao ka go farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Letsatsi la ngwao la sekole sa ithutelo ditiro
Date : 19 Mar 2019




