Breaking News

Kgosi Sekai o ganetsa dipego

18 Mar 2019

Mothusa kgosikgolo ya Bakgatla Kgosi Rre Bana Sekai o ganeditse dipego go tswa makalaneng mangwe a dikgang tsa gore o batla go nna leloko la Ntlo ya Dikgosi. 

Fa a buisa phuthego kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla mo Mochudi e e neng e tsenwe ke dikomiti tse di farologanyeng le bogogi jwa maphata a puso mo Kgatleng, Rre Sekai o ne a re ene o siame ka maikarabelo a a a neetsweng ke kgosikgolo wa Bakgatla Kgosi Kgafela II. 

“Nna ke siame mo setilong se Kgabo a ntlogetseng mo go sona. Mo gongwe mo ke dipuo fela tsa batho ba ba senang nnete,” ga rialo Kgosi Sekai. 

Le fa go ntse jalo, o supile gore go tlaa nna le phuthego ya dikgosi le dikgosana tsotlhe tsa Kgatleng Moranang a tlhola gane go tla go rera dikgang tsa morafe ga mmogo le yone ya boemedi jwa Bakgatla kwa Ntlo ya Dikgosi. 

A re kgang e nngwe e ba tsileng go bua ka yone ke matshwenyego a Bakgatla ka lonyalo lwa Sekgatla e bile e le lwa Setswana.  O ngongoregile gore tsamaiso ya lonyalo ga e salwe morago mme go dirwa solanka fela gore batho ba nyalane. 

“Di-shortcut tse di dirwang mo tsamaisong ya lonyalo ke tsone di feletsang di itsa manyalo a bana ba rona go atlega,” a bua jalo Kgosi Sekai. 

Mo dikgannyeng tse dingwe o boleletse morafe gore molao o fetotswe gore e nne molato go  tlhakanela dikobo le ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi go tswa mo dingwageng tse di lesome le borataro. 

“Ke tsibosa banna ba ba senang tlhaloganyo, motho a tswelang ngwana pelo a sa tlhajwe ke ditlhong,” a rialo Kgosi Sekai.  Ka kago ya loobo lwa kgotla, Kgosi Sekai o rile komiti e e eteletseng pele tiro eo e mo solofeditse gore e tlaa bo e weditswe ka 2021. 

“2021 ke tsholofelo ya me gore phuthego ya rona ya ntlha mo ngwageng le morafe e tlaa bo e le ka fa tlase ga loobo,” a rialo Kgosi Sekai. O rile komiti eo e tlaa bega dikgang tsotlhe ka loobo mo phuthegong ya kgotla e e tlaa tshwarwang ka Seetebosigo. 

“Le ba Phuthadikobo Museum ba tlaa bo ba le gone fa mo phuthegong ya kgotla, ka e bile go lebega ba feditse go dupa dibuka tsa bone, ba tle ba re nankolele,” ga rialo Kgosi Sekai. 

Kgosi Sekai o buile gape gore morafe o tshwenyegile ka mosuke wa dikoloi fa go ile go tsewa direpa. A re go ka tsamaya fela dikoloi di le pedi kgotsa tharo fa go isiwa serepa kwa lwapeng. 

O ne a laletsa morafe thapelo e e rulagantsweng ke ba kereke ya Sabata e e tlaa tshwarelwang kwa kgotleng kgwedi eno e tlhola masome a mararo. 

“Ke tsile gape go laletsa dikereke go tla merapelong mo kgotleng Moranang a supa re tle go rapelela dikgwetlho tsa kgaolo ya rona ebong dipolaano, dikotsi tsa dikoloi, dipetelelo fela jalo,” a bua jalo. 

Mopalamente wa Kgatleng Bothaba Rre Moagi Molebatsi ene o rotloeditse balemi-barui go ikgobokanya go dira makgotla e le tsela nngwe ya go tsisa seriti mo mhameng oo. 

O kgothaditse babereki ba puso go ema ka dinao go bona gore meamuso e solegela Bakgatla molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Mar 2019