Bomme ba inaakanya le tiro ya diatla
18 Mar 2019
Bomme mo lefatsheng leno ba tsweletse ka go supa fa le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre.
Botaki ke nngwe ya ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre.
Ka talente ya gagwe ya botaki, monana wa Palapye, Mme Itumeleng Motswetla wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe ke mongwe wa bomme ba ba supang fa bomme le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tse go tsweng goo- Lowe go tlwaelesegile e le tsa borre.
Mo polotsolotsong le BOPA, Mme Motswetla yo e leng moithuti wa ngwaga wa ntlha kwa BIUST, a re lerato la gagwe la botaki le simolotse a le monnye.
O kaya fa ka nako eo a ne a rata go tshameka ka dipensele le metako mme seo sa aga lerato la botaki mo pelong ya gagwe.
E re ntswa e le moithuti kwa BIUST a dira se se pharologanyo le botaki, a re maikaelelo ke go tsweledisa talente ya gagwe ya botaki.
A re botaki ke sengwe sa tse a di beileng mo pelong ya gagwe gore o tlaa di dira botshelo jwa gagwe jotlhe gore bangwe ka ene ba rotloetsege go dira ditiro tsa diatla.
“Gantsi ke dira tiro ya botaki fa ke le mo malatsing a boitapoloso.
Ka nako ya sekole ke dirisa inthanete go lebelela ditshwantsho tsa botaki tse di nthusang gore ke tswelele ka go gola ka tiro ya botaki,” a tlhalosa jalo.
Mme Motswetla a re kamano ya tsa botaki go tswa bonnyennyaneng jwa gagwe le lorato le le tseneletseng di ile tsa gola thata mo a feletseng a dira dithuto tsa botaki kwa dikolong tse dikgolwane tsa Nanogang Junior Secondary School le Naledi Senior Secondary School kwa a feletseng a tsaya A le B ka tatelano.
Itu, jaaka a itsege mo mererong ya tsa botaki o tsweletse ka go dira sentle mo bogompienong ka go bo a tsweletse ka go rekisa ditshwantsho tse a di dirang ka pente.
A re ga gona sepe se se mo itumedisang jaaka go ipona a tshwere pente le borashe, a dira se se agileng mo pelong ya gagwe e leng botaki.
Potso e ne ya nna gore ke eng a tlhopile go dirisa pente go na le didirisiwa tse dingwe di tshwana le dipensele go tshwantsha.
Mme Motswetla o ne a supa fa a rata go dirisa pente ka go bo e dira ditshwantsho tse okareng di a tshela.
Mme Motswetla, yo e leng leloko la Thapong Visual Art Centre, o supile fa ditshupo tsa botaki tse a kileng a di tsenelela di mo file sebaka sa go supa tiro ya gagwe.
O kaya fa di okeditse botsipa le bokgoni jwa gagwe mo go tsa botaki jwa pente.
O tlhalositse fa a ne a tsenelela dikgaisanyo tsa Thapong Arist of the Year Award ngogola mme le fa a ne a sa fenya kgaisanyo eo o ne a seka a kgobega marapo a tswelela ka go dira ka thata mo botaking jwa gagwe.
“Ka nako ya ditshupo tsa botaki ke ithuta go le gontsi mo bataking le badiragatsi.
Ke tsaya maele le dikgakololo tsa bone ka tlhoafalo.
Ke reetsa thata ka fa ba tlhalosang botaki le ditshwantso tsa bone ka teng mme ke kwatabolola mo go bone gore ke nne motaki yo o botoka,” a tlhalosa jalo.
Mme Motswetla o akgoletse Thapong Visual Art Centre go bo e tsweletse ka go supa ditshwantsho tsa gagwe tsa botaki, a tlatsa ka go re tiriso ya maranyane a facebook e mo thusitse gore a kgone go rekisa ditshwantsho tsa gagwe mo gae le ko mafatsheng a sele.
Mme Motswetla o kopile barati le barotloetsi ba botaki le Batswana ka kakaretso go rotloetsa dikwebo tsa botlhami, botaki le bodiragatsi ka go reka ditshwantsho tsa bataki ba mo gae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 18 Mar 2019




