Kereke kwa Maun e gopola batlhoki
18 Mar 2019
Kereke ya Corner Stone Fellowship mo Maun e supile mowa wa lorato ka go abela batlhoki ba le lekgolo ditlhako kwa kgotleng kgolo ya Batawana.
Fa a aba dimpho tseo, moruti wa kereke, Rre Clifford Foroma o boletse fa ba kgonne seo ka thuso ya bakaulengwe ba bone kwa Amerika ka jaana ba rometse ditlhako tseo gore kereke e abele ba ba tlhokileng lesego.
O ne a tlhalosa fa sejo sennye se sa fete molomo, a tlatsa ka go re go apesa motlhoki ke go apesa ene Modimo ka sebele mme a rotloetsa ba ba amogetseng dimpho tseo go di dirisa ka lorato.
A re ba ne ba dirisanya le ba ofisi ya boipelego go ba tlhophela ba ba ka amogelang dimpho tseo.
A re o dumela fa dimpho tseo di tlaa tsisa pharologanyo mo matshelong a ba ba di amogetseng.
Moruti Foroma a re mongwe o ka leba mpho eo e le nnye mme mo matlhong a Modimo e kgolo.
O gwetlhile gape ba ba santseng ba sena kwa ba obamang teng go inaakanya le kereke ya bone a re go molemo gore ba ipatlele sefatlhaego sa Modimo nako e sale teng.
Moruti go tswa kwa Gaborone, Mme Galani Makwata a re ditlhako tseo ke mpho fela e e supang lorato le gone gore ba tshwaragane le morafe, a tlatsa ka go re ope a seka a di busa a re di dinnye kana di ditona mme a ba kopa go ya go neela ba masika.
O ne a lebogela tshwaragano le tirisanyo ya ba-na-le seabe a re e re le ntswa taletso e dirilwe mo nakong e khusthwane, ba kgonne go dira dithulaganyo tsotlhe gore tiro eo e kgonagale.
A re o itumedisitswe gape ke ka fa morafe o tshologetseng tiro eo ka teng, a re o dumela fa seo e le thulaganyo ya Modimo.
Mongwe wa ba ba abetsweng, Rre Matin Kazapua o ne a leboga kereke eo a re o ntse a na le letlhoko la ditlhako mme ba mo namotse ka go mo abela.
O akgotse maloko a kereke eo go bo ba le lorato mo setshabeng mme a ba eleletsa gore Modimo a ba okeletse mo tirong ya bone le gore kereke e gole.
Mme Gaotswegope Makasu yo le ene a filweng mpho o ne a re ke thulaganyo ya Modimo gore ba bo ba tlhophilwe ntswa e se bone fela ba ba tlhokang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : KABO DIMPHO
Date : 18 Mar 2019




